Breaking News

Malope o bulela ditsheko le manyalo

11 Jan 2024

Kgosi Malope II wa Bangwaketse o rebotse morafe go tswelela ba tsamaisa ditsheko tsa tetlanyo le manyalo morago ga go tswalelwa go iwa malatsing a botsalo jwa Morena le ngwaga o mosha ka Phalane ngogola. 

Fa a bua kwa lebatleng le a neng a le biditse ka Laboraro, Kgosi Malope o ne a kopa morafe go tswelela ka popagano le tirisanyo mmogo le dikgosi.

Mo go tse dingwe, Kgosi Malope II o ne a ngongorega ka bogodu jwa leruo a re bo ile magoletsa mo kgaolong ya gagwe. O kopile morafe go tshwaragana le mapodisi go lwantsha borukutlhi jo.

Kgosi Malope o ne a supa matshwenyego ka diphitlho tse di diegang mo lwapeng, a gakolola gore go fokodiwe palo ya dibui go hema gore ka tsatsi la phitlho tiro e bo e le ntsi. A re ntlo ya ga Kgosi Bathoen II e tlaa tlhabololwa ke ba Botswana Society monongwaga.

O tlhalositse fa go ntse go le dingalo go e baakanya ka gore tebego ya teng ga e a tshwanela go fetolwa ka tsela epe. 

Fa a akgwa kgosi dikgaba, mothusa kgosi, Rre Kebapetse Telekelo o kopile banni go tswelela ka go tlotla le go sala ditsamaiso morago go hema semorafe.

Rre Kentse Rammidi ene o ne a supa fa molao o santse o tlhaela mo bogodung jwa leruo.  

A re fa molao o ka gagamadiwa wa ba wa fetolwa go ka nna motlhofo go fenya bogodu jwa leruo.

O ne a fa sekai ka molao wa diphologolo tsa naga le wa bogodu jwa dikoloi, a re le wa leruo fa o ka gagamadiwa jaaka yone seemo se ka fetoga ka motsotso. 

E re dikgang di eme jalo, morafe o supile fa o amogela lenaneo la Temo Letlotlo le fa ba sa le tlhaloganye e bile le tlaa lala le ba paletse ka gore letsema le setse le fela. Ba supile ngongora ka fa thulaganyo e dirilweng ka teng, ba re e matswakabele mo e ba paledisang go iteka lesego. 

Ba ne ba kopa gore dipampiri tsa ikopelo di tlhofofadiwe le go kwalwa ka Setswana BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : Kanye

Event : Lebatla

Date : 11 Jan 2024