Breaking News

Ba rotloediwa go dirisa Temo Letlotlo

09 Jan 2024

Banni ba Ratholo le Majwaneng ba rotloeditswe go dirisa Lenaneo la Temo Letlotlo ka le ka thusa thata go ntsha dijo tse di lekaneng le go godisa itsholelo ya lefatshe.

Mafoko a a builwe ke mopalamente wa Lerala/Maunatlala, Rre Sethabelo Modukanele mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng eo ka Mosupologo.

Rre Modukanele yo e bileng e le mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae a re fela jaaka mananeo a mangwe, lenaneo la Temo Letlotlo le lebanwe ke dikgwetlho ka e bile go dirisiwa maranyane.

A re dikgwetlho di setse di itshupile mme se se sa reye gore lenaneo le phuaganngwe ka ba ba maleba ba tsweletse ka go tsiboga go tlhomamisa gore ga di paledise balemi go baya ditema.

O ba kgothaditse go ithuta mo dikgwetlhong tse ba kopanang le tsone ka di ka thusa gore mo nakong e e tlang ba ithulaganye botoka.

Rre Modukanele o ne a tlhalosa fa Temo Letlotlo e ya go akaretsa mongwe le mongwe go tsaya maikarabelo go tlhomamisa gore se ba se dirang se ntsha maduo mme go dirwa jalo ka thuso ya balemisi.

O tlhalositse fa puso e ne e dirisa madi a mantsi mo lenaneong la ISPAAD, mme le sa ntshe maduo.

Rre Modukanele o ne a araba dilelo tsa banni ka ba ne ba tlhalosa fa bontsi jwa bone ba ise ba kgone go lema ka mabaka a go tlhoka go tlhaloganya.

Mo go tse dingwe, Rre Modukanele o ne a tlhalosa fa katoloso ya kokelo ya Ratholo le Majwaneng di ne tsa seegelwa kwa thoko morago ga go tlhagoga ga COVID-19 ka madi a mantsi a ne a dirisiwa go reka melemo, go sireletsa matshelo a Batswana.

O ba solofeditse fa di tlaa tsenngwa mo lenaneong la ditlhabololo la NDP 12, mme e tlaa nna tsone tsa ntlha go tsibogelwa.

Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa puso e na le maikaelelo a go fedisa dikokelwana mme e age dikokelo tse di kgolwane tse di nang le dikarolo tsotlhe tse di tlhokafalang, go tsibogela selelo sa setshaba.

Banni ba ne ba tlhalosa fa ba itumelela ditlhabololo di tshwana le go agwa ga matlo a bodiredi le go dirwa ga ditsela tse di fa gare ga motse le fa dingwe tsa tsone di ile tsa ema mo tseleng.

E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele ya Palapye e bile e le mokhanselara wa Ratholo/Majwaneng, Rre Daniel Ookame, a tlhalosa fa letlhoko la madi e le lone le diyang ditlhabololo kwa metseng ya bone.

Rre Ookame a re keletso ya gagwe ke gore e re kgaoganyo ya madi e dirwa jaaka ngwaga wa madi wa puso o ya bokhutlong, le bone ba bone mo go botoka gore ba kgarametse ditiro tse di saletseng kwa morago jaaka go shafatsa dikole le go feleletsa ditsela.

 Rre Ookame o rotloeditse banni ba Ratholo le Majwaneng go tlhama dikhamphani gore ba tle ba thapiwe mo ditirong tsa metse ya bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboleswe Olesitse

Location : Ratholo/Majwaneng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Jan 2024