Breaking News

Ba Kgalagadi ba ikwadisa ka go rotha

08 Jan 2024

Mogolwane wa lekgotla le le ikemetseng la ikwadisetso ditlhopho (IEC) mo Kgalagadi Borwa, Rre Norman Tshekiso, o kgothaditse banni ba kgaolo ya Kgalagadi go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo ka mo nakong eno ba ba ikwadisang ba sa ntse ba bonala kwa matlhophelong ka go rotha. 

Rre Tshekiso o ntshitse kgakololo mo puisanyong le ba BOPA jaaka ba ne ba dikologa le matlhophelo a Tsabong go iponela ka matlho seemo sa go ikwadisetsa ditlhopho. 

Rre Tshekiso o ne a tlhalosa fa ba sale ba le malala a laotswe go ipaakanyetsa ikwadiso eo ka go phatlalatsa badiri ba nakwana le kgaolo le gone go baakanya didirisiwa tsotlhe tse di tlhokafalang jaaka ditante le dikoloi go tswa mo maphateng a a farologanyeng. 

O ne a tlhalosa fa go setse go ikwadisitse batho ba le 1 151 mo kgaolong eo mo malatsing a supa fa go sale go simololwa. 

A re mo palong eo e e kwa godimo e kwadisitswe kwa Struizendam ka masome a fera bongwe le borataro mo malatsing a le mabedi. 

Rre Tshekiso o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mafelo a ikwadisetso a bulwa ka nako ya boferabobedi, a tswalwa ka nako ya borataro maitseboa fa gare ga beke mme ka mafelo a beke a tswala ka nako ya bone mo tshokologong. 

O ne a supa fa matlhophelo mo kgaolong eo a le masome marataro le boferabobedi mme ba thapile badiri ba nakwana ba le lekgolo, masome a mararo le borataro ba a solofelang fa ba tlaa dira tiro ka fa go tshwanetseng ka teng le ka botswerere. 

A re dingwe tsa dikgwetlho tse lekgotla la ikwadisetso ditlhopho le lebaganeng le tsone ke tlhaelo ya didirisiwa le mafelo a go ikwadisiwang mo go one, bogolo jang kwa dikoleng ka di lekantswe bana mme ba tlaa dira ka gotlhe gore sengwe le sengwe se apare tshiamo. 

Rre Ontibile Dipheko yo o dingwaga tse di masome matlhano le bongwe yo o neng a setse a le mo tseleng go ya go ikwadisa o boletse fa go ikwadisetsa ditlhopho go le mosola ka a tlaa tsaya karolo mo ditlhophong tsa setshaba tsa monongwaga, go tlhopha puso e a batlang le baemedi ba motia e bile ba le maleba go ka buelela dikgaolo le dikgaolwana tsa bone mo go tsa ditlhabololo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Potsolotso

Date : 08 Jan 2024