Temo Letlotlo e ka humisa batho
08 Jan 2024
Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Dr Douglas Letsholathebe a re mo sebakeng sa dingwaga tse some, Temo Letlotlo e taa bo e humisitse batho.
E rile a buisa phutlhego ya kgotla kwa Tati Siding bosheng, Dr Letsholathebe a tlhalosa gore mo temo-thuong, go na le tatelano ya ditlhokego tse e leng gore fa balemi ba ka di dira, ba tlaa huma mo dingwageng tse some.
O tlhalositse gore go nna teng gaa dijo le metsi ke konokono ya botshelo, ka jalo batho ba tshwanetse go lema gore ba itshetse ba sa lebale tshomarelo ya metsi.
“Fa le itebaganya le tshomarelo ya dijo, le tshwanetse go gakologelwa le go akaretsa tiriso ya tsotlhe tse di tswang mo temong go bona dipoelo tse dikgolo mo thobong ya lona,” Dr Letsholathebe a tlhalosa.
O ne a re Temo Letlotlo e kgaogantse balemi go ya ka bokgoni jwa bone gape go lebeletswe selekanyo sa lefatshe le ba nang le lone go ka lema.
A re molemi o ka thusiwa ka terata go fitlha selekanyo sa tshimo ya dihekere di le lesome le borataro, mme fa ba sena seabe sa madi ba ka rema legora la tshimo le go rema dipale e le bontlha jwa seabe sa bone.
Ka letlhakore le lengwe, o ne a tlhalosa gore puso e ka thusa balemi ba ba ipopileng setlhopha ba dihekere tse di makgolo mane, masome a a robang bongwe le borobabongwe le diperesente dile lekgolo go ba ba ipopileng segopa.
Dr Letsholathebe o ne a re go tsenelela lenaneo le, molemi o tshwanetse go ikwadisa pele le ba Crop Management System kwa molemising yo o nang le didirisiwa tsa thulaganyo e.
A re gore molemi a kgone go thusiwa, o tshwanetse go bo a na le tshimo le fa e le e a e adimilweng go na le mokwalo wa kadimo.
Fa a ama lenaneo la kgwediso ka seatla, o ne a kopa morafe go ikanya le go tshepha boleng go na le bontsi ka go rua peo ya dikgomo tsa maemo a a kwa godimo.
O ba rotloeditse go isa banana go ithutela kgwediso ka seatla kwa polaseng ya Impala kana Ramatlabama go tla go simolola dikgwebo mo kgaolong ya bone, a tlatsa ka go re tiro e ga e tlhokane le lefatshe le letona.
O tlhalositse gape gore ba ka reka dikane tse ba ka bayang peo e ba tlaa e dirisang mo tirong ya kgwediso ka seatla.
Kgosi Simon Nkgageng wa Tati Siding o ne a akgola morafe le banana ka maitsholo a mantle ka malatsi a botsalo jwa Morena le Ngwaga o Mosha.
Kgosi Nkgageng a re go ne go se na dintwa, dipolaano, dikotsi kana dipego tsa kgokgontsho ka jaana morafe o ne o ile maitisong a bosigo go lebelela kgwele ya dinao ba dule mo dibareng le nnotagi.
E rile fa ba akgwa tona dikgaba, mongwe wa banni, Rre Mathews Nzwaligwa, a batla go itse gore motho o tshwanetse go bo a na le dikgomo di le kae go tswelwa mosola ke lenaneo la kgwediso ka seatla.
E rile a mo araba, moeteledipele wa temo-thuo mo Bokone Botlhaba, Rre Gwilidzani Maposa, a re fa a batla go huma o ka simolola ka dikgomo tse di namagadi di le masome matlhano.
Rre Maposa a re kane e e sa tureng thata e e bayang peo e ka rekwa ka dikete tse di lesome le botlhano.
Rre Steven Seletamotse o ne a tlhalosetsa tona gore baagi ba Bokone Botlhaba ba ka nna ba seka ba solegelwa molemo ke lenanao la Temo Letlotlo ka ba sena masimo.
Rre Felix Masunga ene o ne a tlhalosa fa go ne ga seka ga dirwa therisanyo le balemi pele ga lenaneo la Temo Letlotlo le ribololwa go tsaya megopolo mo go bone ntswa e le bone ba yang go le dirisa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : Tati Siding
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 Jan 2024