Breaking News

Mokgatlho wa dingwetsi o rapelela kagiso

07 Jan 2024

Mokgatlho wa Dingwetsi wa Botswana le Lekgotla la Dikereke di ne di kopanetse merapelo e e neng e itebagantse le go rutana le go fana maele, go ruta basha ba ba mo nyalong go tlhokomela nyalo.

Modulasetilo wa Mokgatlho wa Dingwetsi kwa Tati Siding, Mme Dikhutsafalo Mathanyela-Gulubane a re maikaelelo a letsatsi e ne e le go ruta banyalani ba ba magorogo masha mo nyalong go aga malwapa a motia le go tsibosa ka dikai tsa kgokgontsho mo malwapeng.

Moono o mangwe e ne e le go bua le borre ka kago ya lelwapa le go ruta bomme ba ba godisang bana ba le nosi. 

E rile fa a bua kwa merapelong e e neng e tshwaretswe kwa Tati Siding ka Matlhatso, Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Dr Douglas Letsholathebe a re dithapelo di itebagantse le dikgang di tshwana le kgokgontsho ya bong.

“Kgolagano magareng ga makalana a a ikemetseng jaaka Mokgatlho wa Dingwetsi wa Botswana le dikereke e na le seabe se setona mo go thuseng maikaelelo a puso a go lwantsha masula,” Dr Letsholathebe a tlhalosa. A re go rotloetsa setho mo setshabeng go botlhokwa ka go ka tsisa tharabololo le go rotloetsa kutlwelobotlhoko le lorato mo go amaneng ga batho.

Dr Letsholathebe o tlhalositse gore ka dithapelo tsa go nna jaana, ba kgonne go aga malwapa a a neng a le gaufi le go thubega, le masula a a diragalang mo dikoleng ka go sena poifo Modimo. O ba kopile gore jaaka ba tsena mo ngwageng o mosha, ba ineele mo bogakoloding jwa Modimo, go batlela setshaba maatla le nonofo.

Dr Letsholathebe o kopile dingwetsi go rapelela go fedisiwa ga boitsholo jo bo maswe le go shakgala mo go aparetseng setshaba ka e bile go lebega e le gone go rotloetsang dipolaano tsa baratani. “Fa le ntse le rapelela tse tsotlhe, le gakologelwe botlhokwa jwa go rapelela kagiso le thokgamo mo ditlhophong tse di rulaganyeditsweng monongwaga,” Dr Letsholathebe a kopa.

Mogokgo wa Azusa Academy of Excellence, Dr Rev. Khumo Mothibi ene o tlhalositse gore Jeso ke lesedi, Dingwetsi di tshwanetse go amogela Jeso ka e le tharabololo ya mathata otlhe. Rev. Mothibi o tlhalositse gore mo ditsong tsa kereke, go ne go tshujwa dikerese go nyerolosa mathata, mahumapelo le dilo tshotlhe tse di utlwisang botlhoko mme a rotloetsa dingwetsi go amogela lesedi le gore Morena Jeso a ntshe senyama, mewa e e maswe le dihawa. Moruti Allita Mazebedi wa Call of Christ International o rotloeditse dingwetsi go simolola ka go rapelela ba malapa a bone.

A re dingwetsi di tlhaloganye gore lenyalo le dirilwe pele ga boleo bo tsena mo lefatsheng, go santse go rena kagiso. Moruti Mazebedi a re lenyalo ga le thujwe ke mme le rre, le thujwa ke mmaba ka a tsile go utswa, go bolaya le go senya kagiso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : Tati Siding

Event : Merapelo

Date : 07 Jan 2024