Ikwadisetseng ditlhopho
07 Jan 2024
Banni ba Tsonyane mo kgaolong ya Kanye Borwa ba rotloeditswe go ikwadisetsa ditlhopho tsa monongwaga ka dipalo tse di kwa godimo ka go dira jalo go ka ba fa sebaka sa go tsaya karolo mo go tlhopheng puso ya batho ka batho.
Go buile jalo mopalamente wa kgaolo eo, Dr Lemogang Kwape mo metseletseleng ya diphuthego tsa kgotla tse di tsweletseng mo kgaolong ya gagwe.
O gakolotse banni gore ba seka ba ikwadisetsa go tlhopha kwa ditoropong, a tlatsa ka go re go tlhokafala gore ba ikwadisetse ditlhopho mo metseng e ba nnang mo go yone.
A re se se botlhokwa ka ditlhabololo tsa motse di dirwa go lebeletswe dipalo tsa batho ba ba tlhophileng mo motseng oo.
Ka jalo o ne a ba gwetlha go tsaya boikarabelo jwa go tlhabolola fa ba nnang teng.
Dr Kwape o supile fa go santse go na le batho ba ba ikwadisetsang ditlhopho kwa metseng e sele, mme e re morago ba kope ditlhabololo kwa metseng e ba sa ikwadisetsang go tlhopha mo go yone.
A re go dira jalo ke go ithontsha tshwanelo ya go bona ditlamelo.
Dr Kwape o ne a gakolola banni go rurifatsa gore ba diragatsa tshwanelo ya bone ka go netefatsa gore ba tlhopha yo ba mmatlang ka nako ya ditlhopho, a tlatsa ka go re ba tshwanetse go dira jalo ba sa patikwe ke ope.
Fa a araba mangwe a matshwenyego a banni, Dr Kwape o supile fa tsela ya Tsonyane-Jwaneng e tlaa tsaya nako gore e dirwe ka e bile e se mo moalong wa ditogamaano tsa ditlhabololo.
A re puso e tlhaloganya fa ba tsaya ditlamelo ka bontsi kwa Jwaneng mme e tlaa leka go baakanya tsela go nolofatsa mosepele go ya Jwaneng.
O supile fa puso e itlamile go tshela sekontere tsela e e gokaganyang Seherelela le tsela ya Kanye-Jwaneng, a supa fa thulaganyo e e tlaa thusa thata ka go fokotsa boleele jwa tsela e e sa siamang.
A re kgang e ke kgang e a e buang kwa palamenteng letsatsi le letsatsi, a supa fa a tsweletse ka dipusanyo le tona yo o maleba ka botlhokwa jwa tsela e.
Mopalamente o supile fa mathata e le metsi a a emang mo tseleng, a supa fa dikoloi di senyega ka ntlha ya seemo seo.
O supile fa tsela ya Metlobo-Bray e le yone fela e bonetsweng madi e bile e simolotswe go dirwa.
O galaleditse badirelapuso ba ba dirang ka natla mo motseng, a kgothatsa ba bangwe go dira ka bopetotelele le bonolo, e le tsela ya go itirela leina le go dira pharologanyo mo setshabeng.
Fa a bua ka itsholelo ya lefatshe ka kakaretso, o supile fa e thantse e bile e gomagometsa go gola, ka jalo ditlhabololo di tlaa oketsega. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : Tsonyane
Event : Ikwadisetso ditlhopho
Date : 07 Jan 2024