Monna o fitlhetswe ka mephuthelwana e e belaetsang
07 Jan 2024
Mapodisi a Shakawe a tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome mane le borataro go thusa ka ditlhotlhomiso morago ga go fiflhelwa ka mephuthelwana e e belaesegang e le ditagi tse di sa letlelesegeng mo Botswana.
Fa a bua mo potsolotsong ka Labone, motshwarelela mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya Okavango ya District No.17 Superintendent Goitsemodimo Molapisi a re ka Laboraro ba ne ba longwa tsebe fa mongwe kwa kgotleng ya Mabudutsa kwa Shakawe a rekisa ditagi.
A re ba ne ba fitlhela mmelaelwa ka mephuthelwana e e belaesegang e le ditagi tsa Methcathinone tse di itseweng ka leina la katse di le masome mane le botlhano le mephuthelwana e mebedi e e belaesegang e le motokwane.
Supt Molapisi a re monna yoo o tshegeditswe go thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso mme o ka nna a lebisiwa molato wa go fitlhelwa ka ditagi tse di sa letlelelweng.
Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa mapodisi a tlhotlhomisa tiraglo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mane le boferabongwe wa Etsha 4 a fitlhetsweng a akgega mo ditlhomesong tsa ntlo mo mosong wa letsatsi la ngwaga o mosha.
Supt Molapisi a re kgaitsadia monna yoo o supile fa a ne a na nae letsatsi pele ga ngwaga o mosha mo maitseboeng, mme a mo laela a re o ya kerekeng.
A re e ne ya re mo mosong wa ngwaga o mosha mongwe a etetse monna yoo a fitlhela a ikaleditse a akgega mo ditlhomesong tsa ntlo.
A re mapodisi a ne a ya kwa lefelong la tiragalo mme ba isa monna yoo kwa kokelwaneng ya Gumare kwa ba bongaka ba fetileng ba rurifatsa fa a tlhokafetse.
Mapodisi a ne a amogela pego e nngwe, e mme wa dingwaga tse di masome mane le bosupa wa moraka wa Lebala fa gare ga Qangwa le Xaixai a neng a timela a ile kgonnye letsatsi pele ga ngwaga o mosha mme ka lesego a bonwa a le mo seemong se se siameng.
Le fa go ntse jalo, Supt Molapisi o tlhalositse fa malatsi a mafelo a ngwaga a ne a le kagiso mo kgaolong ya gaggwe ya sepodisi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 07 Jan 2024