Se feleleng Temo Letlotlo pelo - Kwape
07 Jan 2024
Mopalamente wa Kanye Borwa o kopile barui ba Seherelela go nna pelo telele gore ba kgone go thusiwa ka lenaneo la Temo Letlotlo.
Dr Kwape o buile jaana fa a simolodisa thulaganyo ya gagwe ya diphuthego tsa kgotla kwa motseng oo bosheng, go lekodisana le batlhopi ba kgaolo.
O kopile balemi gore ba seka ba kgobega marapo go tsenelela lenaneo ka go dira jalo go ka ba rontsha tshwanelo ya bone ya go akola mananeo a puso.
Dr Kwape o amogetse fa go ntse go na le dingongora tse dintsi tse di amang tiego ya go thusa balemi go bona tse di tlhokafalang, e le ka ntlha ya bonya jwa maranyane.
A re le fa go ntse jalo, puso e tsweletse go dira ka bojotlhe gore seemo se baakanngwe gore balemi ba bone thuso.
Dr Kwape a re le fa lenaneo le simolotswe morago, pula le yone e diegile.
A re o tlaa tlhotlhomisa gore a go na le kgonagalo ya gore ba ba lemang mo digotlong ba thusiwe ka go lemelwa.
O kgothaditse balemi go tlhaloganya fa lenaneo le ne la baakanngwa ka ntlha ya gore puso e ntse e latlhegelwa ke madi a mantsi mme go sena dipoelo.
Fa a bua ka letlhoko la ditiro, Dr Kwerepe o supile fa puso e tshwenyegile e bile e dira ka natla go baakanya seemo.
A re puso e ntshitse madi a le mantsi mo ngwageng ono wa ditlhabololo go dira dikago, jalo a gakolola banana ba ba rutetsweng go aga go tsaya sebaka gore ba ungwelwe ke thulaganyo e.
O supile ngongora gore ditiro ka bontsi di santse di dirwa ke batswakwa mme a kgothatsa banana go iteka.
Dr Kwape o ne gape a lekodisa banni ka dingwe tse Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a buileng ka tsone fa a lekodisa setshaba ka botsogo jwa lefatshe bosheng.
O kaile fa seemo sa melemo se tokafetse mme go tlhoka gore e atolosiwae mo dikokelong fela.
A re Tautona o supile maikaelelo a gore metse yotlhe e gokelwe motlakase, mme mo kgaolong ya gagwe e setse e gatetse pele mo thulaganyong e.
Tona o amogetse fa seemo sa bogodu jwa leruo se tshwenya, mme a supa fa palamente e e fetileng e baakantse molao gore babelaelwa ba dikgang tse di amang bogodu jwa leruo, polao ya motho, petelelo ya bana, ba kgone go tshegediwa mo kgolegelong sebaka se seleele, bogolo jang ba ba kileng ba dira melato ya go nna jalo.
A re se, se tlaa thusa go fokotsa bokete jwa dikgang tse.
Dr Kwape o gakolotse barui go tlhomamisa gore ba duela badisa madi a a tshwanetseng, ka dituelo di okeditswe go nna P1 500.
O ne gape a galaletsa maiteko a sekole se sebotlana sa Seherelela, a re maduo a sone a supa fa jaanong go na le tshwaragano magareng ga bana ba sekole, barutabana le batsadi.
A re botlhe ba tshware ka thata gore bana ba kgone go tswelela ka go dira bontle mo dithutong.
Modulasetilo wa komoti ya ditlhabololo tsaa motse, Mme Gaone Phokoje o supile fa ba tlaa dika ba bolailwe ke tlala ka go bo Temo Letlotlo e sa thuse ba ba lemang digotlo.
A re bontsi jwa bone ga ba na masimo, ba ntse ba lema mo digotlong mme a kopa puso go sekaseka seemo se.
Banni ba kopile gore fa puso e fetola melao ba nne ba lekodisiwa, ba supa fa lenaneo la Temo Letlotlo le ketefaditswe e bile go tsile go nna thata go bona dithuso tsa lone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : Seherelela
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Jan 2024