Kwa Charleshill go rena thitibalo
05 Jan 2024
Mapodisi a Charleshill a lebogetse tirisanyo mmogo le banni ba motse oo ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha ka jaana ba tlhalosa fa ba gatisitse melato e e seng ya sepe.
Mo potsolotsong le BOPA, Mookamela mapodisi a Charleshill, Superintendent Lefa Kareng, o tlhalositse fa ka letsatsi la go ipelela kgorogo ya ngwaga o mosha, ba ne ba gatisa dikgang di le thataro tsa batho ba ba neng ba nwela bojalwa mo lefelong le le sa letlelelweng morago ga go tswalwa marekisetso.
A re modiramolato o ka lebisiwa kgolegelo ya dikgwedi tse thataro kana a lefisiwa madi a a ka tshwarang P5 000, mme a re fa modiramolato a amogela molato o lefisiwa madi a a ka tshwarang P200.
O ne a supa fa ba ne ba nna le molato wa pelaelo ya go gweba ka batho morago ga go tshwara mme mongwe wa letso la Zimbabwe ka ngwana wa dingwaga tse nne, yo a reteletsweng ke go ntsha bosupi gore ke ngwana wa gagwe.
A re ka jalo, mmelaelwa o ne a busediwa kwa Tshesebe ka jaana a ne a tsene ka molelwane wa Ramokgwebana gore a tle a thuse mapodisi ka ditlhotlhomiso.
A re mmelaelwa mo molatong o, o ka atlholwa madi a a ka tshwarang P500 000 kana a tsena kgolegelo ya dingwaga tse di masome mabedi le botlhano.
E re dikgang di eme jalo, Supt Kareng o ne a tlhalosa fa ka letsatsi la Sedimonthole a le masome mararo le bongwe, ba ne ba gatisa dikgang di le thataro tsa go thujwa ga matlo.
A re babelaelwa e nnile basimanyana ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le motso go ya kwa go lesome le bone.
A re ditlhotlhomiso di supa gore babelaelwa bao, ba ne ba ganeletse thata mo go utsweng dijo le didirisiwa tse di bogadi bo gaufi go ka rekisiwa.
O ne a tlhalosa fa ba tshwaragane le bommaboipelego go ka thusa go rarabolola dikgang tseo, mme a gwetlha batsadi go ela tlhoko metsamao ya bana mo motseng ka dinako tsotlhe.
O ne a tlatsa ka go re ba ne ba gatisa melato ya go itseela dikobo ka dikgoka e e diragatseng morago ga go itshielwa nnotagi.
Ka jalo, o ne a gwetlha bomme go netefatsa gore ba itisa le batho ba ba ba tshephang gore ba tlaa ba gorosa ka pabalesego kwa malwapeng.
Supt Kareng o ne a tlhalosa gore fa mmelaelwa a ka bonwa molato, o ka lebanwa ke kgolegelo ya dingwaga tse di lesome le botlhano, fa a ka fitlhelwa a na le mogare wa HIV o lebanwe ke dingwaga tse di masome mabedi kana botshelo jotlhe mo kgolegelong.
O ne a wela ka go re phetogo ka dipalo tsa melato ke maiteko a mapodisi a go tshwara thutopuisanyo mo dikgotleng, mme a re seo, se supa fa molaetsa o tsena mo setshabeng.
Mothusa motshwarelela mapodisi a Ncojane, Assistant Superintendent Tebogo Daka le ene o supile fa ba itemogetse kwelo tlase ya melato mo kgaolong eo, e e okametseng metse ya Metsimantsho, Kole le Ukhwi.
O ne a gatelela gore ka Sedimonthole ba ne ba tshwere thutopuisanyo mo dikgotleng le dikole e le tsela nngwe ya go leka go ruta setshaba go fetola maitsholo.
Le fa go le jalo, Asst Daka a re ba ntse ba sa bone boroko ka ntlha ya bogodu jwa leruo mme ka lesego, ba KgomoKhumo ba ne ba raletse kgaolo mme morago ga go hulara ga bone, ga ba ise gatise dikgang tsa bogosu jwa leruo.
O ne a gwetlha setshaba go tswelela se tshwaragane le mapodisi go leka go lwantsha borukutlhi mo kgaolong gore go nne le ledula. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Charleshill
Event : Potsolotso
Date : 05 Jan 2024