Breaking News

Matshosetsi a polao a tsentse monna mo mathateng

04 Jan 2024

Mapodisi a Tsabong a tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome mararo le botlhano mabapi le go tshosetsa bangwe go ba bolaya.

Mo potsolosong ka Labobedi mookamela mapodisi ao, Supurintendent Christopher David o boletse fa monna yo, yo o tlholegang mo Tsabong a na gape le molato wa polao, mme o tlaa itshupa mo lekgotleng la ga mmakaseterata mo Tsabong kgwedi eno e le lesome le boferabobedi.

O tlhalositse fa go simolola kgwedi e e fetileng e le lesome le boferabobedi go fitlha mo nakong ya gompieno mapodisi a gatisitse melato e mesesane e supa le e metona e le masome mabedi le boferabobedi fa go tshwantshanngwa le e le lesome le borataro e mesesane le e le masome matlhano le botlhano e metona ngwaga oo fetileng mo nakong eno.

Supurintendent David a re melato e mesesane e akaretsa dititeo tse dipotlana, bogotswana, go phamolela batho mesokela tsebeng le e mengwe, fa e metona e akaretsa matshosetsi a polao, go tlhakanela dikobo le basetsanayana ba dingwaga tse di kwa tlase, ga gareng ga e mengwe.

Le fa go ntse jalo, o akgoletse banni ba kgaolo ya gagwe boitshwaro le botho jo ba bo supileng fa ba amogela ngwaga o mosha ka go ne go rena thitibalo le kagiso.

O galaleditse magosi le baruti ka tshwaragano le mapodisi mme a ba kopa go tswelela jalo, a supa fa thutopuisanyo e ba neng ba e kopanetse bosheng e na le maduo ka e dirile pharologanyo mabapi le seemo sa borukutlhi. Ends

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : potsoloso

Date : 04 Jan 2024