Mapodisi a tlhotlhomisa molato wa polao
03 Jan 2024
Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa molato wa polao o o diragetseng ka letsatsi la ngwaga o mosha kwa Thabala.
Mookamela mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng o tlhaloseditse BOPA ka Laboraro gore tiragalo e, e ama mme wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro wa Thabala.
Supt Oteng o supile fa moswi a ne a kgangwa morago a itewa ka sengwe se se bogale se ba dumelang e le sone se bakileng leso.
O tlhalositse fa ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi yo le ene e leng monni wa Thabala, go ba thusa ka ditlhotlhomiso.
“E ne ya re morago ga tiragalo monna yo a siela kwa masimo a a bapileng le Thabala mme a leka go ikgapela botshelo, mme kgole e a neng a e dirisa ya kgaoga,” Supt Oteng a tlhalosa.
A re mmelaelwa o ne a ragosediwa kwa kokelong mme mo nakong ya gompieno a santse a le mo diatleng tsa mapodisi.
E re dikgang di eme jalo, bosigo jwa bofelo jwa ngwaga wa 2023 ka kgwedi ya Sedimonthole a le masome a mararo le bongwe, Supt Oteng a re ba ne ba amogela pego e e neng e supa fa mosimane wa dingwaga tse di lesome le bobedi a ne a betwa ke metsi kwa Mabeleapodi.
A re tiragalo eo, e diragetse fa ngwana yo a ne a ile go thuma kwa nokeng le ditsala tsa gagwe mme a betwa ke metsi a tlhokafala.
Mo go tse dingwe Supt Oteng o tlhalositse fa melato e ne e se mentsi mo malatsing a boitapoloso a ngwaga o mosha. O nankotse fa maitiso a go amogela ngwaga o mosha a a neng a rulagantswe ke kereke ya 3G Ministries a ne a tsamaya sentle e bile go se na dipego dipe tse ba neng ba di begelwa.
A re le fa go ntse jalo, ba ne ba lebisa mangwe a madirelo a bojalwa molato wa go gweba go fetisa dinako tse di letlelelwang.
A re madirelo ao a ne a seka a sa la molao wa go tswala ka nako ya lesome ka letsatsi la Tshipi. Ends
Source : BOPA
Author : Patricia Speakson
Location : SEROWE
Event : potsolotso
Date : 03 Jan 2024