Breaking News

Tiriso ya Omang e okeditse metsamao

03 Jan 2024

 

Mogolwane wa molelwane wa Mamuno, Mme Angela Sigwele, a re tshimolodiso ya go tlola molelwane ka Omang fa gare ga mafatshe a Botswana le Namibia e okeditse metsamao ka dipalo tse di kwa godimo.

Mo potsolotsong le BOPA, Mme Sigwele o tlhalositse fa go simolola ka Sedimonthole a tlhola malatsi a lesome le botlhano  go fitlhela a ya fifing ba gatisitse dipalo tsa  21 693 wa batho ba ba tlolang molelwane.

A re ka 2022, ka nako ya go ipaakanyetsa malatsi a botsalano jwa Morena, go santse go dirisiwa dibukana tsa mesepele ba ne ba gatisitse 18 000.

A re mo palong ya 21 693 ba le 2 600 e ne e le badirisi ba Omang mme mo palong eo, 1 900 e ne e le Batswana fela.

Mme Sigwele o ne a lebogela  maiteko a puso ka tiriso ya Omang fa gare ga mafatshe o mabedi, le gone go bulwa ga molelwane bosigo le motshegare.

A re se thusitse ka  ba bereki ga ba sa tlhole ba berekela ka fa tlase ga kgatelelo ya nako le mosuke segolo bogolo ka dinako tsa malatsi a boitapoloso.

 O ne a tlatsa ka gore, Omang o namotse ba le bantsi, a tlatsa ka go re go le pele bangwe ba ne ba busiwa ka  dibukana tsa mesepele di senyegile kana di hetile lobaka lwa tiriso.

Mme Sigwele a re gape Omang o ba fokoleditse dikgetsi tsa batho ba ba tlolang molelwane ka bokukuntshwane.

Le fa go le jalo, o ne a supa fa ba santse ba lebanwe ke kgwetlho ya batsadi ba ba tlolang ka bana ba ba senang  setlankana sa matsalo le bosupi jwa batsadi.

O ne a supa gape fa ba santse ba itemogela batsadi ba ba tsamayang ka bana ba sa tshola mekwalo e ikanetsweng ke motsadi o mongwe mme a tlatsa ka gore mekwalo eo, e tshwanetse go kwalwa ka puo ya sekgoa ka jaana, e le puo e letlelelwang lefatshe ka bophara.

Mo go tse dingwe, Mme Sigwele o ne a gakolola batho go ithuta ka ditsamaiso tsa mafatshe  a ba a etelang jaaka go netefatsa gore fa ba tlolela kwa Namibia ka dikoloi, ba tlamega go supa bukana ya gore Mokgweetsi ke mong wa koloi kana fa e adimilwe sesupo sa koloi se patilwe ka mokwalo o ikanetsweng.

A re go dira jalo go thusa go hema bogodu jwa dikoloi fa gare ga mafatshe o mabedi. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : MAMUNO

Event : potsolotso

Date : 03 Jan 2024