Tautona o tshedisa boora Mookodi
29 Dec 2023
Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi o ne a etetse ba lelwapa loora Mookodi kwa Bontleng, Gaborone, go ba tshedisa morago ga go tlhokafalelwa ke motsadi, Mme Emily Mookodi. Mme Mookodi o tlhokafetse kgwedi eno e le masome mabedi le bobedi, morago ga go lwala ka tshoganetso. Mo molaetseng wa gagwe wa matshediso, Dr Masisi o tlhalositse fa bone le boora Mookodi ba tshedile mmogo. A re Mme Mookodi o ne a le senatla e bile ba itsile ditso di le dintsi ka ene. Tautona o supile fa Mme Mookodi a ba rutile bomolemo le gore motho ke motho ka batho. Mme Mookodi o bereketse makalana a le mmalwa jaaka Young Women Christian Association, Botswana Housing Corporation. O kile a ne e le morutabana. O tlogela bana ba le barataro, borre ba le bararo le bomme ba le bararo. Mme Mookodi o bolokwa ka Matlhatso kgwedi eno e le masome mararo mo Gaborone. BokhutloSource : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : Gaborone
Event : Matshediso
Date : 29 Dec 2023
Related News
29 Apr 2025
Tona o akgola BAGS
29 Apr 2025
Ngwana o thudilwe ke koloi
28 Apr 2025
Maranyane a tlhabolola itsholelo le matshelo
27 Apr 2025