Pula e bolaile ba le babedi kwa Mahalapye
28 Dec 2023
Pula e e neleng ka Mosupologo kwa Mahalapye e bakile dintsho tsa batho ba le babedi.
Mookamela mapodise a Central Police Station kwa Mahalapye, Mme Boitshepo Mudongo o tlhaloseditse BOPA fa pula e e tshologileng e tlogetse banni ba Mahalapye ka bohutsana.
A re mosimanyana wa dingwaga tse tharo wa kgotla ya Moloko kwa Mahalapye e ne ya re pula e sena go kgaotsa a ya go tshameka kwa ntle mme ka go tlhoka lesego a wela mo lehuting le le mo lwapeng.
A re batsadi ba ne ba lemoga morago gore ngwana ga a bonale, ba mo latedisa ka motlhala o o feletseng mo lehuting le le neng le tletse metsi mme ba kgona go mo ntsha, ba mo ragosetsa kwa sepateleng kwa go rurifaditsweng fa a tlhokafetse.
Mme Mudongo a re e ntse e le ka Mosupologo, ba ne ba amogela pego ka nako ya boferabobedi bosigo, batsadi ba supa fa mosimane wa dingwaga di lesome le botlhano wa kgotla ya Mowana a tserwe ke metsi fa a ne ba tshameka le tsala ya gagwe mo moseleng wa metsi kwa kgotleng ya Tshikinyega.
O tlhalositse fa basimane ba ne ba tshamekela mo moseleng pula e ise e simolole mme ya re e simolola, ba tshabela ka fa tlase ga borogo jo bo fa moseleng mme ka pula e ne e na e le ntsi, metsi a ne ba fitlhela a ba tsaya.
Mme Mudongo a re yo mongwe yo o dingwaga tse di lesome le bongwe o ne a kgona go itshwarelela ka setlhatshana mme ka lesego a kgona go falola a tswa mo moseleng fa tsala ya gagwe e ne a ne a rwalwa ke metsi.
A re moswi o bonwe maphakela a Labobedi metsi a mo kgwile mme a ne a setse a tlhokafetse.
O boletse fa mapodisi a le mo patlong ya rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone yo le ene a tserweng ke metsi ka Mosupologo.
Mme Mudongo o kopile setshaba go ipabalela mo dipuleng le go sireletsa bana ka dinako tsotlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 28 Dec 2023