Mapodise a Tsabong a abela bana
27 Dec 2023
Mapodisi a Tsabong a abetse bana ba dikhutsana ba le bararo dijo, melora le diaparo.
Mapodisi a ne a itlama go tlhokomela bana ba ka ngwaga wa 2021 morago ga go tlhokafala ga ga mmaabone.
Mo potsolosong, Mookamela mapodisi, Superintendent Tlhapi David o tlhalositse fa mapodisi a ne a thulanya ditlhogo mme ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go tlhokomela basetsanayana bao ka go ntsha madi go ba rekela dijo le diaparao ngwaga le ngwaga letsatsi morago ga la keresemose.
A re jaaka basireletsi ba setshaba le dithoto tsa bone, ba ne ba itlama gape le go thusa setshaba se ba direlang mo go sone e le tsela nngwe ya go supa mowa wa bopelotlhomogi le lorato.
Superintendent David o kaile fa go aba ga bone go tsamaelana le temana ya Baebele; Diane 19 Verse 17 e e reng ‘yo o tlhomogelang bahumanegi pelo o adima Jehofa,mme o tla a mo duelela tiro ya gagwe ee molemo,’ a kaya fa se ba se lopang mo modimong e le mapodisi e le go fedisa kgokgontso le borukutlhi mo lefatsheng.
A re ba ne ba bona go le botlhokwa go thusa bana bao ngwaga le ngwaga morago ga go tlhokafalelwa ke Mmaabone ka ntlha ya kgokgontso ya bong ee apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba ka e felela ka kutlobotlhoko le bohutsana ka go tlogela dikhutsana le masiela.
Supurintendent Tlhapi David o kopile borre bogolo jang ka e le bone ba amegang mo dikganyeng tsa kgokgontso go fetola dikakanyo, megopolo boitshwaro le maikutlo.
O ne a supa fa ba ne ba gatisa dikgang tsa kgokgontso di le pedi ka 2022 mme ngwaga ono ba gatisiste tse tharo mme e le tse di neng di diragalela bomme.
Le fa go ntse jalo o akgotse banni ba kgaolo go bo ba ne ba itshwere ka boitshwaro jo bo eletsegang ka malatsi a keresemose ka mapodisi ba sa gatisa dikgang dipe. O akgotse thata beng ba dibara go bo ba ne ba na le tirisanommogo le mapodisi ka go obamela dinako tsa go tswala le go bula mo madirelong a bone.
Kwa Werda motshwarelela mookamela mapodisi a koo Assistant Supurintendent Percy Kerekang o supile fa go le thitibalo fela kwa motseng oo le ee mabapi. Thibibalo e ne e rena le kwa Middlepits go ya ka motshwarelela mookamela mapodisi Sub Inspector Bareng Dithabang.
Mo go tse dingwe mogolwane kwa kokelong ya Tsabong (Principal Registered Nurce Midwife) Mme Magret Chimbombi o boletse fa ba ne ba segofadiwa ka losea lwa mosetsanyana ka letsatsi la keresemose yo a neng a abelwa dimpho.
Go ya ka mothusa molaodi wa Tsabong, Mme Maleshoane Segakisa e ne ya re letsatsi pele ga keresemose pula ya diphefo tse di mashetla ya dira tshenyo e ntsi mme ga amega batho ba le boferabongwe ba motse wa Draaihoek le a le mongwe kwa Makopong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 27 Dec 2023