Kotsi e gapile matshelo a le mane
27 Dec 2023
Mapodisi a Molepolole a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone batho ba le bane ba latlhegetsweng ke matshelo mo maphakeleng a December 26.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Mookamela mapodisi a Molepolole Superintendent Jacob Molapong a re e ne ya re mo maphakeleng a Labobedi ka nako ya botlhano ba amogela pego ya kotsi mo tseleng ya A12 gaufi le bara ya The Big Six mo Mogokotswane.
A re mapodisi a ne a tsibogela seemo seo, mme a ragosetsa ba ba amegileng kwa sepateleng sa Scottish Livingstone kwa go rurifaditsweng fa ba le bararo ba sa tlhole ba le mo botshelong, mme mongwe wa ba ba amegileng a fetisediwa kwa Princess Marina Hospital kwa a tlhokafaletseng teng.
Mookamela mapodisi a Molepolole o tlhalositse fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletswe go sekaseka se se katswang se bakile kotsi eo.
Mo go tse dingwe Superitendent Molapong a re ba tshwengwa ke go thubiwa ga matlo le madirelo mo go ileng magoletsa mo kgaolong ya bone, selo se a reng se setse se baka gore banni ba tshelele mo poifong.
Ka jalo, are seemo se sa borukuthi se ne sa ba gwetlha go nna le mapodise a tsamayang mo gare ga motse bosigo le motshegare go itepatepanya le go lwantsha borukutlhi.
O tsweletse a re le ntswa motsamao wa batho o ne wa oketsega mo motseng ka malatsi a keresemose ga go a nna le maitshwaro a eseng one ka jalo a akgolela banni ba Molepolole tirisanyo mmogo le ba sepodise go sena kgopekgopetsano.
“A re tsweleleng re itshware sentle, re obameleng matshwao a tsela le go ikgapha mo go kgweetseng re itshietse,” ga bua Superitendent Molapong.
O supile fa ba eme malala a laotswe go tswelela ba tsisa tshireletso mo motseng wa Molepolole jaaka go ipaakanyediwa ngwaga o mosha.
Le fa go ntse jalo a re e ne yare mo malatsing a go ipaakanyetsa keresemose ba amogela dipego dile nne tsa batho ba ba ikgapetseng matshelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 27 Dec 2023