Breaking News

Babelaelwa kwa Ghanzi ba tlhanotse direthe

27 Dec 2023

Mapodisi a Ghanzi a tlhotlhomisa dintsho tsa borre ba le bararo ba metse ya D’kar le Ghanzi tse di diragetseng malatsi pele ga letsatsi la botsalo jwa Morena.

Mo puisanyong, Mookamela mapodisi a Ghanzi, Superintendent Modiro Lekone, o tlhalositse fa kgwedi eno e le masome mabedi le bobedi ka nako ya lesome bosigo, ba ne ba begelwa fa rre mongwe a thudilwe ke koloi gaufi le marekisetso a leokwane la Shell mo Ghanzi, mme mmelaelwa a le botsa phokoje.

A re mapodisi a ne a ya kwa lefelong la tiragalo, mme a fitlhela monna wa dingwaga tse di ka tshwarang masome a mararo le borataro a gobetse thata mo tlhogong. O ne a ragosediwa kwa kokelong ya Ghanzi.

A re monna yoo, o ne a tlhokafala mo letsatsing le le latelang, mme ba losika ba setse ba itsesitswe. A re serepa se santse se tshegeditswe mo setsidifatsing go emela go dirwa ditlhatlhobo tse di tseneletseng kwa Maun.

Supt Lekone a re ga ba ise ba tshware ope mabapi le tiragalo eo, mme ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. O gwetlhile setshaba go ba thusa mo patlong ya mmelaelwa, mme a bo a kopa gore ope fela yo o amegang mo tiragalong eo, a itshupe fa pele ga mapodisi a a gaufi.

Mo pegong e nngwe, Supt Lekone o tlhalositse fa ba tlhotlhomisa loso lwa monna wa dingwaga tse di ka tshwarang masome a mararo le borataro yo o tlhokafetseng morago ga go tlhajwa ka sengwe se se bogale ke monna yo mongwe morago ga go tlhoka kutlwisisanyo.

A re tiragalo eo, e diragetse kgwedi eno e le masome mabedi le boraro makuku a naka tsa kgomo kwa kgotleng ya Hana kwa D’kar. A re mmelaelwa o mo diatleng tsa mapodisi mme o tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la ga Mmakaseterata wa Ghanzi ka Laboraro.

O ne a tlatsa ka go re ba tlhotlhomisa loso lwa lekawana lengwe yo le ene a neng a tlhokafala ka nako ya lesome mo mosong, kwa kgotleng ya Kgaphamadi mo Ghanzi, morago ga go tlhajwa ka sengwe se se bogale gaufi le pelo.

A re go bonala fa go ne ga nna le tlhoka kutlwisisanyo fa gare ga moswi le mmelaelwa, ka nako ya fa ba le kwa nnotaging. O kopile setshaba go ba thusa ka patlo ya mmelaelwa ka jaana a itsege mo toropong ya Ghanzi le metse e e mabapi.

Mo dikgannyeng tse dingwe, o ne a supa fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone, koloi ya modiro wa Hilux e ne ya thulana le ya matipane mo tseleng ya East Hanahai, kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro ka nako ya bone mo tshokologong.

A re Hilux e ne e na le bapalami ba le lesome le bobedi mme ga gobala mokgweetsi, yo o supang fa a fetiseditswe kwa kokelong ya Princess Marina kwa Gaborone ka dikgobalo tse di masisi mo mokwatleng.

A re mopalami yo mongwe ene o gobetse letsogo la molema fa yo mongwe a gobetse mo letsogong la moja mme bobedi joo, bo robaditswe mo kokelong e potlana ya Ghanzi.

Supt Lekone a re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo, mme a kopa setshaba go tsaya molaetsa wa ipabalelo tseleng ka tlhoafalo, segolo bogolo mo malatsing a go ipelela botsalo jwa Morena le ngwaga o mosha. End

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Ghanzi

Event : Interview

Date : 27 Dec 2023