Breaking News

Monna a inaya naga a tlogela koloi e ntse sephetsa ka dipodi

27 Dec 2023

Mapodisi a ofisi e kgologolo ya sepodisi kwa Kanye  a mo motlhaleng wa monna mongwe yo ba belaelang a itshwaetse letsomane la morui mongwe.

Fa a bua le BOPA ka Labobedi, mogolwane wa diofisi tseo, Superintendent Diataka Pitseetsile, o tlhalosa gore e ne ya re ka Keresemose bosigogare, ba emisa koloi ya modiro wa Hilux e mokgweetsi wa yone e rileng go fologa a inaya naga. Tiragalo e e diragetse kwa masimong a Mmamodungwa.

A re fa ba phuruphutsha koloi, ba fitlhetse e pegile dipodi tse di namagadi di roba bongwe, tsotlhe di sena malengana.

Supt Pitseetsile a re ba santse ba le mo patlong ya mokgweetsi.

O kopile ba ba ka tswang ba timeletswe ke dipodi go ikgolaganya le mapodisi a Kanye.

A re tse dingwe tse di ba tshwentseng e ne e le go tswalwa ga mafelo a maitiso morago ga nako e e beilweng le bogodu jwa mesokelatsebeng.

Assistant Superintendent Balapi Koboyatshwene wa Sejelo ene o supile fa ba itumeletse ka fa banni ba neng ba itshwere ka teng ka Keresemose.

A re thitibalo e, e ka tswa e bakilwe ke go saila ga mapodisi mo motseng, maduo a ntebela ke go lebele, gammogo le melaetsa e ba ntseng ba e anamisa mme a kopa Batswana go tswelela ba ipelela malatsi a boitapoloso ka boikarabelo. End

Source : BOPA

Author : Thato Modiakgotla

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 27 Dec 2023