Bangwaketse ba ipelela letsatsi la morena ka dikhwaere
25 Dec 2023
Bangwaketse ba thelegetse ka dipalo tse di kwa godimo kwa masimong a Gasethebe, go ipelela letsatsi la morena ka mmino wa dikhwaere.
Khwaere ya Gasethebe, e e tlwaelegileng ka leina la Masole e ne e tlhabana le ya Zambia go tswa masimo a Gamagangwa.
Mo potsolotsong le BOPA, mokatisi wa khwaere ya Gasethebe, Rre Boiki Mafusi o supile fa go tswa goo lowe, Bangwaketse ba ntse ba ipelela letsatsi le ka mmino wa dikhwaere.
Rre Mafusi o tsweletse ka go tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go tsosolosa ngwao, go ntsha batho mo mebileng bogolo jang banana le gore barekisi ka go farologana ba dire letseno.
O supile gape gore borukutlhi ka go farologana bo ya kwa tlase ka batho ba tlhola kwa dikhwaereng, mme fa ba tswa foo ba ya malwapeng go itapolosa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thato Modiakgotla
Location : Kanye
Event : Dikhwaere
Date : 25 Dec 2023