Breaking News

Manake o fa bomme ba mosele dimpho

23 Dec 2023

Bomme ba mokgatlho wa Mosele kwa kgotleng ya Kagiso kwa Selebi Phikwe e nnile bangwe ba ba neng ba fiwa dimpho e le kakgolo go tswa kwa go Mothusa Tona wa Papadi le Madirelo e bile e le mme yo o goletseng kwa Selebi Phikwe.

Bomme ba mokgatlho o ba ba masome mabedi le bobedi, ba abetswe mephuthelwana ya dijo mongwe le mongwe, go keteka Keresemose le ba malwapa a bone.

Fa a rola dimpho ka Labotlhano, Mme Manake a re o kgatlhilwe ke go bona seabe sa mokgatlho mo go tlhabololeng le go bapatsa ngwao ya Setswana.

A re bomme ba, ba ne ba aga ntlo ya Setswana kwa kgotleng gore bana ba ba batlang go itse ka ngwao ya Setswana ba ithute.

Mme Manake a re puso e rotloeta maiteko a go nna jaana ka a tsamaelana le ditoro, dikakanyo le megopolo ya go tlhabolola lefatshe ka dikitso le maranyane.

Mo godimo ga moo, o ba rotloeditse go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba tse di tlaa tshwarwang ngwaga o o tlang, go dibela kagiso le ledula la Botswana.

Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Lucas Modimana o rotloeditse Batswana go inaakanya le methale e e farologaneng e e ka tsisang tlhabololo mo Batswaneng, fa modulasetilo wa mokgatlho, Mme Nametso Rabakane ene a lebogetse dimpho tse a supileng fa di tlaa ba jesa Keresemose e e monate.

Mme Rabakane o lebogetse gape seabe sa ga Mme Manake ka a ne a thusa ka madi go reka didirisiwa. O rotloeditse banni ba Kagiso go tsena mokgatlho go tlhabolola kgotla le matshelo a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Selebi Phikwe

Event : Kabo dimpho

Date : 23 Dec 2023