Dikoloti o Rotloetsa Popagano
23 Dec 2023
Banni ba Dipotsana ba rotloeditswe go bopagana jaaka ngata ya dikgong go netefatsa gore ba tlhabolola temo mo kgaolong ya bone. Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, Dr Edwin Dikoloti o ne a ntsha thotloetso bosheng kwa moletlong wa go amogela kago ya tshilo e e agilweng ka madi a ditlhabololo tsa kgaolo ya botlhophi a Constituency Community Project (CCP).
Dr Dikoloti o boletse fa popagano ya bone e ka thusa go oketsa dijo mo lefatsheng jaaka e le maikaelelo a puso go bona Batswana ba ijesa e bile ba jesa le mafatshe a a mabapi.
O tlhalositse fa gape seo se ka tokafatsa itsholelo ya metse ka jaana ditswa-temong di na le bokgoni jwa go tlhama mebereko.
O ne a kopa morafe wa Dipotsana le metse e e mabapi go thulanya ditlhogo go bona gore tshilo eo e ka ba tswela mosola jang, bogolo jang ka e tsamaisanya le maikaelelo a lenaneo le lesha la Temo Letlotlo.
O ba rotloeditse gape go tsaya malebela kwa dikgaolong tse dingwe tse di tumileng ka temo e e nonofileng di tshwana le Pandamatenga.
A re kgaolo ya Mmathethe/Molapowabjang e na le bokgoni jwa go ntsha dijo ka bokete jo bo kwa godimo, mme seo se tlhoka gore ba tshwaragane ba akantshanye ka go upolola bokgoni joo.
Dr Dikoliti a re ditlhabololo di tshwana le ditsela ke dingwe tsa tse di botlhokwa go golaganya balemi le mebaraka, gammogo le go oka babeeletsi.
Ka jalo, o ne a ba kopa gore ba tlhoafalele go tsenya ditsela mo lenaneong la ditlhabololo tsa metse.
A re puso le yone e tlhagafalela go netefatsa gore ditsela, bogolo jang tse di yang kwa mafelong a a ntshang dijo, di mo seemong se se itumedisang.
A re se ke maiteko a go godisa mhama wa temo-thuo le go rotloetsa Batswana go ntsha dijo tsa selekanyo se se kwa godimo.
O ne a kopa morafe wa Dipotsana go somarela kago eo gore e kgone go ba solegela molemo le mo isagong.
A re o tshwentswe ke dikago le dikgwebo tsa merafe tse di tshabelelwa ke go phutlhama mo kgaolong eo, ka jalo ba e emele ka dinao gore ba nne sekao mo go ba bangwe.
Mogolwane wa dikago kwa khanseleng ya Kanye, Rre Thatayaone Rakobonyana o ne a akgola khamphani e e neng e aga tshilo eo, a re e supile bonatla le botswerere mo dinakong tse di thata.
O tlhalositse fa tiro eo e simolotswe ke khamphani e nngwe ka ngwaga wa madi wa 2017/2018 mme ya ithola tiro go ntse go tsweletse morago ga go itemogela fa go ikadile letlapa mo lefelong leo.
A re e re ntswa go diega ga kago eo go amile selekanyo sa madi a a neng a beilwe kwa tshimologong, go lebogela khamphani e e neng ya tsenngwa kwa morago e ne ya netefatsa gore morafe wa Dipotsana o a Kgotsofala. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : Dipotsana
Event : Moletlo
Date : 23 Dec 2023