Breaking News

Lutere e apeetse bagodi dijo tsa motshegare

20 Dec 2023

Kereke ya Evangelical Lutheran Church in Southern Africa (ELCSA) e akgoletswe go lemoga botlhokwa jwa bagodi ka go ba apeela dijo tsa motshegare kwa Bokspits.

Go tlhalositswe fa bagodi ba tshwanelwa ke go lebogelwa seabe sa bone mo ditlhabololong tsa metse ya bone le lefatshe ka bophara, le go godisa bana go ba dira se ba leng sone gompieno.

Kgosi Isaac Titus wa Struizendam mo kgaolong ya Tsabong o buile seo jaana fa a ne a amogela batsena moletlo kwa Bokspits ka Matlhatso.

Moletlo o ne o tsenwe ke bagodi ba Bokspits, Rapplespan, Vaalhoek le Struizendam (BORAVAST cluster) ba ba neng ba diretswe sefitlholo go ba itumedisa pele ga malatsi a boitapoloso a Keresemose le ngwaga o mosha.

O ne a re le ntswa batsadi bangwe ba sa tlhole ba le mo botshelong, go botlhokwa gore ba ba leng teng ba lemogwe, ba itumedisiwe, ba tlhokomelwe le go fiwa kemo-nokeng mo go tsotlhe tse ba di tlhokang.

A re mo malatsing a gompieno botshelo ga e sa tlhole e le jwa maloba jaaka bagodi ba ne ba tlwaetse go etelana e le ba masika, go tla go arogana maele le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo botshelong.

Kgosi Titus o ne a leboga barulaganyi ba tiro eo, a supa fa se se molemo mo bagoding e le tshegofatso mo go bone ka ba ikutlwa le bone ba le motlotlo go bo ba phuthaganetse mo lefelong le le lengwe, selo se se ba tlhapisang pelo ka jaana ba tlaa kgona go ja dikgang ba le mmogo mme seo se ba lapolose ditlhaloganyo.

Fa a bua ka maikaelelo a letsatsi leo, moemedi wa komiti ya kereke ya ELCSA mme Lydia Matthys o ne a supa fa e ne e le go phuthela batsadi mo lefelong le le lengwe e le tsela nngwe ya tebogo mo go bone ka ba nnile le seabe se setona ka go tsisa botshelo mo lefatsheng, tlhokomelo le kgodiso ya bone.

Mme Matthys o ne a supa fa gape e le go ba neela sebaka sa go kopana ka jaana go le gantsi ba kopana fela ka dinako tsa dintsho le manyalo mme ba sa kgone go iketla mmogo.

Sebui sa letsatsi leo, Rre Andrious Villander, modiri wa pele wa lephata la diphologolo le makgabisa naga o ne a supa fa go tsena mo dingwageng tsa bogodi e le tshegofatso ya Modimo e bangwe ba sa kgoneng go e fitlhelela. 

O tlhalosa jalo gore seo se tshwanelwa ke go galalediwa.

Rre Vilander a re batsadi ba ba gorogang mo dingwageng tsa bogodi ke ba ba neng ba tlotla batsadi ba bone, ba obamela ditaelo tsa Modimo ba bo ba di diragatsa ka boammaaruri, go o ikanya, go nna le tsholofelo le go itsetsepela ka thapelo ka e na le maatla, selo se a supileng fa banana ba tshwanetse go se kopa go ba itsa go dira tse di duleng mo tseleng.

O boletse fa go le lesego banana ba kereke le komiti ba ba ithaopileng go rulaganyetsa bagodi sefitlholo le dijo tsa motshegare, a supa fa bagodi ba itumelela go nna mmogo ka e le tsela nngwe ya go ntshana bodutu, go lapolosa ditlhaloganyo e bile ba tshwanetse go lebogelwa seabe sa bone go direla lefatshe mo dinakong tse di neng di le thata bogologolo.

Le fa go ntse jalo, Rre Vilander o ne a supa fa go na le matshwenyego mabapi le banana ba metse eo ka ba inaakanya le dinotagi, dipolaanao tsa marato, ba le botlhaswa mme ba felela ba tsenwa ke mogare wa HIV, selo se a kopileng bagodi jaaka e le batsadi go ntsha lentswe la bone go bepisa seemo seo ka se apesitse lefatshe kobo ka letshoba.

Modulasetilo wa komiti mo kerekeng ya ELCSA Mme Sophia Westerthuizen o ne a tlhalosa fa e ne ya re morago ga segajaja sa COVID-19 ka 2021 ba dumalana ka bongwefela jwa pelo go simolodisa go direla bagodi dijo tsa motshegare ngwaga le ngwaga.

 A re seo ke tsela nngwe ya go ba lebogela seabe sa bone mo tumelong le go aga setshaba le ditlhabololo ka kakaretso mo metseng le lefatshe ka bophara.

Mme Westerthuizen a re ba diretse bagodi ba dingwaga tse di fetang masome a supa sefitlholo le dijo tsa motshegare ba tshwaragane le bagwebi, dikhamphani, Mopalamente wa Kgalagadi Borwa Rre Samuel Brooks le mohumagadi wa gagwe yo o sa tlholeng a le mo botshelong go direla bagodi dijo le go ba fa dimpho mme ngwaga ono ba sa kgona go ntsha dimpho ka dithuso di ne di sa lekana.

O boletse fa ba ikaelela go dira jalo ngwaga le ngwaga le go dira mo go pharologanyo go laola fela gore ba kgobokantse bokae le dithuso. 

Godimo ga moo, Mme Westerthuizen o ne  a tlatsa ka go kopa barui, bagwebi, maphata a puso le dikhampani tse dingwe go thusa gore tiro eo e tswelele ka go atlega.

Setlhogo sa letsatsi se ne se tserwe mo lekwalong la Baebele la Isaiah 46:4 e e reng “Le go ya kwa botsofeng e ntse ke nna fela, le go ya kwa tlhogong e pududu, ke tlaa nna ke lo rwala fela ke dirile, mme ke tlaa belega fela, ee: ke tlaa rwala ke bo ke rola.” BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : BOKSPITS

Event : Sefitlholo sa malatsi a Keresemose

Date : 20 Dec 2023