Breaking News

Kereke e kopiwa go rapelela lefatshe

20 Dec 2023

Kereke ya St Paul Anglican Church kwa Molepolole e kopilwe go rapelela lefatshe la Botswana ka jaana Modimo a le segofaditse ka kagiso, thokgamo, thitibalo le ledula tse di melediwang mathe ke mafatshe a mangwe. 

Kereke e tlhalositswe fa e na le seabe se setona mo go rurifatseng gore lefatshe la Botswana le tswelela le nna ka thitibalo le kagiso e le nang le yone.

Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Oabile Regoeng o kopile jaana ka letsatsi la malebogo le thobo ka Tshipi kwa kerekeng eo.

A re kereke e seka ya inyatsa le fa e le ka letsatsi lepe ka jaana Modimo a araba dithapelo le selelo sa kereke ka e le ene motlhodi wa yone.

Rre Regoeng o ne a supa fa kereke e dirile se Botswana a leng sone gompieno ka e nnile le seabe mo go tlhabololeng mehama wa thuto le botsogo mme e ntse e tsweletse ka go dira jalo.

A re letsatsi la malebogo le thobo le maleba ka jaana le fa kereke sebaka sa go lebogela se Modimo a se ba diretseng mme ba mo leboge ka ditsela tse di farologaneng go lemoga bogolo le bopelontle jwa gagwe.

Mopalamente, yo e neng e le sebui sa tlotla ka letsatsi leo, a re Modimo o buile mo lefokong la gagwe gore go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang.

A re ka jalo, jaaka ba leboga Modimo ka letsatsi la malebogo le thobo, ba itse gore Modimo o a go bowa a ba segofatsa gape gore ba bone katlego mo ngwageng o o tlang.

Rre Regoeng o ne a kopa badumedi gore ba tshware ka thata ka jaana dipaka di fetogile mme go foka diphefo tse di mashetla tse di ka ba theolang fa ba sa ingangatlele ka mokgoro.

A re mo dibekeng tse di fetileng Molepolole o ntse a aparetswe ke dikgang tse di sa jeseng monate tsa dipolaano tsa marato le go bapala dirwe mo bathong mme a supa fa seo Modimo a le kgatlhanong le sone e bile a sa se beye sebete mme a kopa kereke go tswelela e rapedisa diemo tseo gore di fele di seka tsa utlwala mo gare ba batho.

A re o hakgamalela batho ba ba bolayang ba bangwe ba re dirwe tsa bone di ka ba humisa, a re ke matlhabisa ditlhong ka gore Modimo ke ene a nayang khumo mme ba ba dirang tse di maswe tseo ba lebanwe ke tshakgalo ya Modimo le setshaba.

E re ka jaana letsatsi le ne le kopane le go tlhomamisiwa ga baruti le borre ba mokgatlho wa Anglican Men’s Fellowship, Rre Regoeng o ne a ba kopa gore ba dire tiro ya bone ka botswapelo ba seka ba swabisa Modimo le setshaba.

Rre Regoeng o ne a kopa badumedi go ya go ikwadisetsa ditlhopho tse di tlaa tshwarwang ngwaga o o tlang ka seo se ba fa sebaka sa go tlhopha puso e ba e eletsang.

Moruti wa kereke ya St Paul Anglican Church kwa Molepolole Rre Botshabelo Beleme a re kereke ya bone e na le botlhoki jo bontsi ka jaana e le kgologolo mme e tlhokana le go shafadiwa le go bewa mo seemong se se kgatlhisang. 

A re ka jalo ba ne ba tla ka mogopolo wa operation tsoga mogobagoba o ka one ba neng ba dumelana go dira madi gore ba kgone toro ya bone. 

Moruti Beleme o ne a supa fa kereke ya St Paul e le yone lekalana le letona mo kerekeng ya Anglican Botswana jotlhe mme ba tlwaelesegile ka leina la mogobagoba, seo se raya dipalo tsa bone tse dintsi mo maphateng otlhe mo kerekeng.

A re maikaelelo magolo ke go dira madi gore ba kgone go shafatsa dikago tsa kereke eo, go rekela moruti koloi le go reka tsotlhe tse di tlhokafalang gore ofisi e nne le ditsompelo le seriti se se e tshwanetseng.

Moruti a re o na le lenaneo la go lekola bagodi le balwetse mo motseng, mme tiro eo e a pala ka jaana a sena setshodi se se tlhomameng gore a kgone go lekola badumedi le go dira ditiro tse dingwe tsa kereke.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOLEPOLOLE

Event : Letsatsi la malebogo le thobo

Date : 20 Dec 2023