Dipalo tsa bana ba ba tlhaelang dikotla di a tshwenya
18 Dec 2023
Go gola ga dipalo tsa bana ba ba tlhaelang dikotla mo kgaolong ya Ghanzi go a tshwenya.
Motshwarelela mogokaganyi wa ditirelo tsa botsogo mo Ghanzi, Dr Kebatshabile Mosheti o boletese jalo ka Labobedi kwa D’kar, jaaka ba botsogo ba ne ba tshwaragane le ba moepo wa Sandfire, AMS le makalana a mangwe a a ikemetseng go tsibosa setshaba ka bodiphatsa jwa go tlhaela dikotla mo baneng le go lwantsha kgokgontsho ya bong.
O supile fa ditshekatsheko tsa ba botsogo di supa fa dipalo tsa bana ba ba tlhaelang dikotla mo kgaolong ya Ghanzi ka kakaretso di ka tshwara 4 150.
A re go ya ka ditshekatsheko tseo, motse wa Grootlaagte o di gogang kwa tlhogong ka 40 per cent, o latelwa ke kgaolwana ya Bosele mo Ghanzi ka 10 per cent, mme e mengwe metse e e amegang e le D’kar le New Xade.
O tlhalositse fa dipatlisiso di supa fa tlhaelo ya dikotla e bakwa ke gore bontsi jwa malwapa itsholelo ya jone e kwa tlase, mme bontsi bo retelelelwe ke go tlamela bana ka dijo tse di nang le dikotla.
O ne a re tiriso botlhaswa ya nnotagi mo batsading bangwe le yone e na le seabe mo serung sa tlhaelo ya dikotla ka jaana bana ba tlhaela tlhokomelo e e nitameng.
Dr Mosheti o ne a tsibosa banni ka bodiphatsa jwa tlhaelo ya dikotla, a supa fa e kgoreletsa go gola ga ngwana mme a felele a tshabelelwa ke malwetse.
Mo go tse dingwe, o ne a supa fa tlhaelo ya dikotla e baka dintsho tsa bana ka jaana ba gatisitse dikgang di le masome a mane le borataro monongwaga.
Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa ba na le thulaganyo ya go fepa bana bao ka dijo le masi tsa tlalaletso go ba nonotsha mo mebeleng go kgona go emelana le malwetse a tshwana le segatsetsa, letshololo le kgotlholo e tona.
Mogolwane go tswa kwa Letloa Trust, Rre Otsogile Maatla, o ne a tlhalosa fa ba ntse ba boloditse letsholo la go fepa bana ka dijo kwa D’kar.
O tlhalositse fa mo ditshekatshekong ba ne ba bona le dipalo tsa bana ba le 795 ba ba tshwanetseng go fepiwa ka dijo.
A re ba le 300 ba ne ba tlamega go tsenngwa mo lenaneong la go thusiwa ka dijo, ba tshwanelwa ke go kwadisa ba le 230 mme ka maswabi, ba felela ba kwadisitse 217 fela.
A re mo lenaneong leo ba fepa bana ka dijo ga raro ka letsatsi, selo se a reng se ne se se bonolo mme gone a tlhalosa fa go ne ga nna le phetogo mo botsogong jwa bana bao.
O ne a gwetlha dikhamphani ka go farologana go tsenya letsogo go lwantsha tlhaelo ya dikotla mo baneng.
Mo go tse dingwe, Rre Maatla a re ba ne ba dira ditshekatsheko tsa tiriso ya bojalwa mme ba fitlhela bomme ba ba itsholofetseng ba le 70 ba anwa bojalwa, ba le 84 ba goga motsoko fa batsetsi ba le 250 ba fitlhetswe ba tshela ka nnotagi.
Inspector Kedidimetse Gabriel ene o ne a supa fa seemo sa kgokgontsho mo kgaolong ya Ghanzi se sa itumedise ka jaana ba tsweletse ka go gatisa dipalo tsa melato ka bokete.
A re ba itemogetse gore dikgang dingwe tsa kgokgontsho ga di begelwe mapodisi mme go na le mokgwa o mongwe wa gore e re morago bangongoregi ba bo tsholola dikgang tseo.
A re ngogola ba gatisitse dikgang tsa thubetso di le masome mararo le boraro, mme monongwaga ba gatisiste di le lesome le bosupa.
Mo molatong wa polao, a re ngogola ba gatisitse dikgang di le masome mabedi le bobedi mme monongwaga ba setse ba gatisiste di le nne.
A re melato e mengwe e e sa ba robatseng ke wa tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ka dingwaga, dititeo tse di bakang dikgobalo, le matshosetsi a polao.
Fa a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Gabriel Nguahoka, o gwetlhile setshaba le makalana a a farologanyeng go atolosa tshwaragano le puso ka go tsenelela mo dikgannyeng tse di amang botsogo gore batho ba kgone go tshelela mo tikologong e e babalesegileng le go nna le botsogo jo bo siameng.
O ne a iteela legofi ba moepo wa Sandifire, AMS le ba Letloa Trust ka maiteko a go tshwaragana le puso mo dikgannyeng tsa botsogo.
O ne a supa fa puso e dirisa madi a mantsi mme tirisanyo le makalana a a farologanyeng e tlaa thusa go menagane go bolokela puso madi gore e kgone go atolosa ditlhabololo.
Mo mafokong a kamogelo, Kgosi Johannes Morris o ne supa fa seemo sa tlhaelo ya dikotla mo baneng le kgokgontsho di ba apeistse kobo ka letshoba.
O ne a lebogela kemo-nokeng ya ba Letloa Trust, American Embassy le makalana a mangwe go bo ba nnile sekao go thusa go fetola seemo mo motseng wa bone.
Kgosi Morris o ne a supa gape fa dikgang tsa kgokgontsho di ile magoletsa mme ka maswabi bontsi jwa tsone a re ga di begelwe ba sepodisi.
Mo mafokong a gagwe a malebo, Mokhanselara wa D’Kar, Rre Xukuri Xukuri o ne a lebogela kemo-nokeng ya dikhamphani ka go farologana go thusa go fetola seemo sa botsogo mo motseng.
O gwetlhile bannni gore ba tsee karolo ka go netefatsa gore ba fetola mekgwa ya ka fa ba tshelang ka teng go leka go tshela matshelo a a babalesegileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : D’KAR
Event : Tsa botsogo
Date : 18 Dec 2023