Tsogwane o gomotsa boora Molao
18 Dec 2023
Tatlhegelo ya mongwe wa lesika ga e motlhofo go e amogela, mme ka thotloetso go dira gore bana, masika le ditsala ba wele matswalo.
Ao ke mafoko a kgothatso a a neng a tsisiwa ke Motshwarelela Tautona, Rre Slumber Tsogwane kwa goora Molao kwa Mathangwane, kwa lesong la ga Rre Molao Ntobe, yo e leng rraagwe Tona wa Temo- thuo, Rre Fidelis Molao.
Rre Tsogwane a re leso ga le tlwaelesege, mme la motho a tshwana le Rre Ntobe batho ba tshwanetse ba ipela gonne o tshedile ka lebaka le leleele.
A re mo nakong tsa gompieno, ga se ba le kae ba ba tshelang go fitlhela dingwaga tse di masome a a ferang bongwe le boraro tse Rre Ntobe a di tshedileng.
A re go molemo gore fa motho a tshedile jaana e le lebutswapele, batho ba ipele ba mo gopola ka ditiro tsa gagwe.
A re mo dinakong tsa gompieno, batho ba ba tshwanang le Rre Ntobe ba a tlhokega go tsisa bogakolodi jwa segolo go thusa go rarabolola diemo tse di tshwenyang.
O ne gape a re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ka dinako tsotlhe o ba kgothatsa go emana nokeng le go gomotsa ba ba latlhegetsweng.
Ka jalo o ne a kgothatsa boora Molao go sala ba tlhokomela leina le rraabo a le itiretseng ka ditiro tsa gagwe a ba a ba rotloetsa go tswelela ka tshwaragano e ba neng ba na le yone a santse a le mo botshelong.
“A lesika le sale le nna seopo sengwe, le seka la kgaoganngwa ke boseyong jwa ga rraalona,” a ba kopa jalo.
O ne gape a ba kgothatsa go ruta bana ba bone go tshwaragana le go itsane, a re Setswana sa re lesika e a re le ya baneng le kgaoge.
Rre Tsogwane a re gantsi bana ga ba itsane gore ba sikana jang ntswa e le bana ba motho.
Fa a tswa la gagwe, Rre Molao o ne a re fa ene le ba tsalwa le ene ba ka sala ba phatalala e tlaa bo e le go rata ga bone, go nne rraabo o ba godisitse sentle ka lerato a bo a ba kaela pharologanyo fa gare ga molemo le bosula.
A re ga go na yo o santseng a le kwa tlase a thokana le go tataisiwa, ke borre le bomme ba ba itseng go itshelela ka go itirela.
“Rre o re tlogela a re file neo ya go itirela bokamoso, ka jalo ga re mo selelong mme re ipela ka ene,” a bua jalo.
O ne gape a tlhalosa gore rraagwe e ne e le motho wa batho e seng fela mo Mathangwane mme le mo metseng e e mabapi, a itsege ka setho sa gagwe se sentle.
A re ka dinako tsotlhe o ne a nna a ba kgothatsa go babalela seriti sa leina la bone, a re ba seka ba dira sepe se se bosula go gogobisa leina la bone mo seretseng.
Fa a afa tekodiso, Mme Kelemogile Mojanaga o tlhalositse fa Rre Ntobe a lwetse ka lebaka mme go robala ga gagwe ba go itumeletse ka ba bone gore o ile go ikhutsa mo ditlhabing tse a neng a tshela ka tsone.
Rre Ntobe o tlogela basadi ba le babedi, bana ba le lesome le boferabobedi, bana ba bana ba le masome marataro le botlhano le di kokomane di le masome mararo le bone.
O tlogela le bokgatsadie ba le babedi. Rre Ntobe o bolokilwe kwa Mathangwane ka Matlhatso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goitsemodimo Williams-Madzonga
Location : MATHANGWANE
Event : Leso
Date : 18 Dec 2023