Ba Selebi Phikwe ba itepatepanya le seemo
17 Dec 2023
Go lwantsha tiriso ya ditagi e e ileng magoletsa mo toropong ya Selebi Phikwe le metse e e mabapi, mapodisi a toropo eo a tlaa simolodisa mokgatlho o o tlaa itebaganyang le bothata jo, ngwaga o o tlang o simologa.
Mokgatlho o tlaa akaretsa ba sepodisi, dikereke, makalana a a ikemetseng ka nosi le ba-na-le seabe ba bangwe.
Mookamela kgaolo ya sepodisi ya No.10 Senior Superintendent Agreement Mapeo o tlhalositse mo tshimolodisong ya letsholo la go lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa, ditagi le tse dingwe mo kgaolong ya No.10 e e akaretsang dikgaolo tsa Selebi Phikwe, Mmadinare le Bobonong ka Labone.
Senior Superintendent Mapeo o tlhagisa botlhe ba ba rekisang ditagi le ba ba di dirisang gore mokgatlho o, o tsile go tsena ntlo le ntlwana o dupa fa ditagi di fitlhilweng teng.
A re e le ba sepodisi ba tshwenyegile ka dikgang tsa tiriso ditagi tse di tsweletseng ka go golela pele, a tlhalosa fa go tswa ka 2022 go fitlhelela 2023, mapodisi a setse a gatisitse dikgang di le 123 tse mo go tsone go tlhotlhomisiwang babelaelwa ba ba fa gare ga dingwaga tse 15 go ya kwa go tse di masome a supa le botlhano.
A re go a sita go fitlhela bagolo ba amega mo dikgannyeng tse ntswa e le bone ba tshwanetseng go kgalema.
Rre Mapeo a re mo malatsing a a masome marataro kgatlhanong le borukutlhi le dikotsi tsa dikoloi, ba sepodisi ba kopa setshaba go tswa mo borukutlhing, go fetola boitshwaro le go ema kgatlhanong le dikotsi tsa tsela.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Mark Thipe wa kgotla ya Ikageleng o kopile morafe go tshwaragana le mapodisi go ntsha ditagi mo malapeng ka go loma mapodisi tsebe.
A re morafe ke one o itseng batho ba ba rekisang ditagi ga mmogo le ba ba di dirisang ka gore ba tswa mo malwapeng.
Kgosi Thipe o kopile morafe go fetola dikakanyo le go fetola ka fa ba dirang dilo ka teng go tla ka methale e mesha ya go lwantsha tiriso ya ditagi.
Fa a latlhela la gagwe, mokwaledi wa toropo ya Selebi Phikwe Rre Montshwari Matseka o solofeditse fa khansele eo le yone e tlaa thusana le ba sepodisi go lwantsha tiriso ya ditagi gore Selebi Phikwe e nne toropo e e nang le kagiso e bile e babalesegile.
O lebogetse ba sepodisi go bo ba ikemiseditse go ntsha ditagi mo kgaolong e, a tlatsa ka go re ditagi di ama matshelo a batho le itsholelo.
A re khansele le yone e tshwenyegile ka dipalo tse di tsweletseng ka go gola tsa tiriso ya ditagi, a rotloetsa banni ba Selebi Phikwe go tshwaragana le mapodisi go lwantsha mamba wa ditagi.
Rre Orateng Ramoswang yo o kileng a tshwakgolwa ke bojalwa, a re nnotagi fela jaaka ditagi e na le ditlamorago tse di senyang botshelo jwa motho.
A re o ne a anwa go fetisa selekanyo e bile maitshwaro a gagwe a sa eletsege mo setshabeng.
Rre Ramoswang o tlhalosa fa go ne go le thata go tlogela dino mme ka a ne a na le maikemisetso a felela a fetotse botshelo jwa gagwe go nna jo bo eletsegang, a rotloetsa botlhe ba ba ka fa tlase ga kgatelelo ya bojalwa le ditagi go tswa mo go tsone gore ba tshele botshelo jo bo botoka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : letsholo la go lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa
Date : 17 Dec 2023