Breaking News

Borre ba kopiwa go tsaya boikarabelo

17 Dec 2023

Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Kabo Morwaeng o supile fa tshwaragano e le botlhokwa e bile e ka fenyang botlhokatsebe, borukhuthi le kgokgontsho.

O buile jaana ka Matlhatso kwa metshamekong ya kgwele ya dinao e e neng e tshwaretswe kwa mabaleng a Lewis, a re Molepolole ke motse o motona mme ditiragalo tsa one di batla popagano gore di fenngwe.

O ne a kopanetse koo le maloko a mokgatlho wa Bakwena Taxi Association go tsibosa setshaba ka dikgang tsa dipolao tse di diragalang kwa Molepolole.

A re bokopano joo bo tlaa nna ngwaga le ngwaga ka bo nnile mosola go bo bo phuthile batsaya karolo ba ba ka thusang go anamisa molaetsa wa maitsholo a a amogelesegang mo setshabeng.

Rre Morwaeng yo gape e leng Tona wa Ofisi ya ga Tautona a re mogwanto wa bone wa mo mosong ke tsela ya go romela molaetsa kwa setshabeng gore ba emise kgokgontsho ya bong, tiriso botlhaswa ya nnotagi, dipolaano tsa baratani le tsa boraboko.

O supile fa mokgatlho wa bakgwettsi ba dipalamo tsa setshaba o le kgatlhanong le dipolaano.

Rre Morwaeng a re mo malatsing a Keresemose jaana, gantsi dikgang tsa borukhutlhi, dipetelelo le dititeo tsa bomme di a gola mme borre ba tshwanetse ba eme ka dinao go sireletsa bomme, go tsaya boikarabelo jwa go lwantsha kgokgontsho le go tsaya karolo mo go emiseng dikgang tseo.

O kgadile borre ba ba bolayang bomme a re ba senya leina le go ba diga seriti.

Rre Morwaneg a re go itseela molao mo diatleng ga se selo se se siameng mme batho ba tshwanetse go fa sepodisi le molao sebaka sa go tlhotlhomisa dikgang le go atlhola ba ba molato.

Moeteledipele wa Botswana Taxi Association, Rre Lekgoa Balopi ene a re ba itse tse di ntseng di diragalela motse wa Molepolole mme ba lela le bone e bile ba rapela gore Modimo a ba fe kgomotso.

A re tiro ya bone ya setshaba ga e a robalelwa ke ditlhokwa mme ba tshwenyegile ka bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba ba tlhaselwang ke dirukhutlhi ka go ba kopa thuso ya go isiwa golo gongwe mme ba tseelwe madi le dikoloi.

Rre Balopi a re dipolaano tse di ntseng di diragala kwa Molepolole di ngomola le go phatlola pelo, mme dilo tseo di tshwanetse tsa ema ka tshwaragano ya morafe le sepodisi.

A re mokgatlho wa bone ga o bolo go kopa ofisi kwa mapalamelong a dikoloi tsa setshaba mme nako kgolo ke eno.

Mogolwane wa mapodisi a Borwa, Senior Assistant Commissioner Harrison Digobe o lebogetse bokopano joo ka bo supa fa ba ikemiseditse go lwantsha borukutlhi. O kopile Bakwena gore a dikgang tsa maloba di fete mme ba simolole dilo sesha.

A re Batswana ba tshwanetse go tlhaloganya gore lefatshe le tsamaisiwa ka molao mme tiro ya sepodisi ke go diragatsa molao ntle le go kgorelediwa.

Rre Digobe a re sepodisi ga se kake sa kgona go diragatsa molao se le nosi, se tlhoka thuso ya Batswana.

O tsibositse bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba go ba loma tsebe fa ba belaela gore ba pegile batho ba ba tshotseng dithoto tsa bogodu.

A re kgokgontsho ya bong e dirwa thata ke borre mme a ba kopa gore ba tlotle Modimo ka ke ene a ba fileng boikarabelo jwa go nna rre.

O laetse bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba go obamela melao ya tsela le go kgweetsa ka kelotlhoko mo malatsing a Keresemose.

Kgosi Lawrence Mhaladi ene o supa fa Modimo e le ene a ka ba thusang go lwantsha dikgang tse di ba aparetseng.

A re ditiro tsa borukhutlhi le dipolaano di diga motse seriti mme seo se ka fedisiwa ke go dira mmogo, go gakololana le go buisana gore tsela pedi go tsewa efe. Kgosi o supile fa a sa itumelele tiroso botlhaswa ya maranyane ke banana ba ba rogang baeteledipele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOLEPOLOLE

Event : metshameko ya kgwele ya dinao

Date : 17 Dec 2023