Breaking News

Kereke e abela ba Fikeng dimpho

17 Dec 2023

Go ne go le boitumelo kwa Fikeng jaaka ba kereke ya The City Of Revelation Healing ba ne ba abela banni dimpho gore le bone ba tle ba je letsatsi la matsalo a Morena monate.

Kereke e itshwaragantse le bogogi jwa motse ba ne ba abela banni dijo tsa Keresemose, mo godimo ga moo ba oketsa ka ditilo di le masome a mararo go abela kgotla ya Fikeng.

Dimpho tseo di abilwe ka Labotlhano kwa Mopalamente wa Gabane/Mmankgodi Tona Kagiso Mmusi a neng a semolodisa semmuso lenaneo la Cattle Chasing Patrols.

Lenaneo le, le itebagantse le go tla ka methale ya go bona gore banni ba kgaolo eo ba ka tshidisanya jang le diruiwa go sena kgotlhang, ba lebile one maele a gore ba ka iphemela jang mo go tsone le go babalela matshelo a tsone.

Tona Mmusi o supile fa go tlhabolola matshelo le go itlama ka kgang tsa Cattle Chasing Patrols, e le maitlamo a motho mo bonosing, a simolotse pele ka go tlhaloganya moono le tebelopele ya lenaneo la Mindset Change.

A re tlhabologo e tla pele mo mothong, a supa gore le ntswa ditlhabololo di ka go fitlhelela, fa dikakanyo di sa fetoga, ditlhabololo tseo di ka seke di go tswele mosola.

Fa a atolosa maikaelelo a letsatsi, Archbishop Dr Samuel Ntsebele wa Kereke ya The City Of Revelation Healing a re maikaelelo magolo a go abela banni ba Fikeng ke go imolola puso morwalo le go thusa mo letsholong le puso e le boloditseng la go tlhabolola matshelo mo metse selegae.

O supile fa letsholo la tlhabololo matshelo e se maikarabelo a puso e le nosi, mme go le mo magetleng a mongwe le mongwe yo o nang le bokgoni go tsenya letsogo go thusa go nonotsha itsholeleo le go tlamela ba ba dikobo dikhutshwane.

O ne a gatelela gape gore ba ba nang le bokgoni jwa go itshetsa ba seka ba leba fela mo pusong go ba tlhamela ditiro mme ba dirise bokgoni jwa bone go itlamela le go ikagela bokamoso jo bo botoka.

“Go botlhokwa go dirisa bokgoni jwa lona go itshetsa.”

Kgosi Kenneth Letlole wa Fikeng o ne a akgola a bo a rotloeta kereke go tswelela ka go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

O ne a rotloetsa morafe go itlhokomela ka malatsi a Keresemose mme a kgothatsa borre go tsaya tshwetso le boikarabelo ka botsogo jwa bone.

 “Borre sepatela ga se a direlwa bomme fela.”

E re dikgang di eme jalo, go solofetsweng phadisanyo magareng ga ditlhopha go tswa Fikeng, Tloaneng, Mmokolodi le e mengwe.

Metshameko e e tlaa tshwarwa malatsi a le mararo ka malatsi a boitapoloso, e le tsela ya itloso bodutu le go fema dikotsi tsa tsela tse di bakwang ke maeto a maleele batho ba lebile go ya maitisong kana metshamekong ya kgwele ya dinao kwa mafelong a a kgakala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Itumeleng Naane

Location : FIKENG

Event : Dimpho tsa Keresemose

Date : 17 Dec 2023