Breaking News

Bonno bo tsamaelana le botsogo

15 Dec 2023

Mongwe wa baoki kwa kokelwaneng ya Mogorosi Mme Molibi  Otlaadisa a re botsogo bo tsamaelana le tikologo e motho a nnang mo go yone. O buile se kwa moletlong wa go abela Mme Maikaelelo Koontshitse  ntlo kwa Mogorosi bosheng.

Mme Otlaadisa a re fa motho a sena bonno jo bo siameng le botsogo ga bo kake jwa siama, a re seo ke sone se se ba gwetlhileng segolo bogolo ka e bile Mme Koontshitse e le mongwe wa ba ba thusiwang thata kwa kokelwaneng ka mabaka a bolwetsi.

A re badiri ba kokelwana ya Mogorosi ba ne ba thulanya ditlhogo go bona gore ba hka thusa jang  mo motseng.

Mme Otlaadisa o tlhalositse fa ba ne ba tswa ka mogopolo wa  go agela mongwe yo o tlhokileng lesego ntlo.

A re fa ba ntse ba seka seka ka thuso ya ofisi ya tsa boipelego gore ba ka simolola ka mang, ga tla bomme ba ba phepafatsang motse ba supa fa ba tle ba fete lelwapa lengwe le go supegang le le mo letlhokong le legolo la ntlo.

O tlhalositse fa ba ne ba ya go seka seka seemo sa lelwapa la teng mme ba dumalana fa e le ruri lelwapa leo le tlhoka ntlo.

O supile fa ba ne ba ba dumalana go ntsha madi mo dipateng tsa bone go thusa lelwapa le, a re ba kopile thotloetsa mo bathong le dikhamphani tse di mo motseng.Mme Otlaadisa a re bangwe ba ba thusitseng mo tirong e ke Mokhanselara wa kgaolo e bong Rre Edward Gaefele ka go reka lebati la ntlo, mogwebi wa motse wa dipalamo le lebentlele e bong Rre Modiegi Mojaki ka go ntsha lemmenyana la madi, le khamphani  ya Jossey Lady Investment ka go ntsha digalase go tsenya di okomela bagwe.

A re mo nakong ya gompieno o motlotlo thata ka tirisanyo mmogo le tshwaragano e badiri ka ene ba e supileng mo tirong eo .

O rotloeditse banni go ratana le go emana nokeng fa yo mongwe a tlhokile lesego kana a gateletswe ke mabaka a botshelo, a tlatsa ka gore sepe se motho a nang le sone a kgaogane le babangwe.

 A re motho o ka itlhophela motlhoki mongwe mo motseng a mo rekele dijo kana a mo fa dithuso dipe fela tse a ka di kgonang ka Setswana sa re bana ba motho ba kaogana tlhogwana ya ntsi.

Mme Otlaadisa a re ntlo ga e tle e le nosi e patilwe ke dijo gore e re ba tsena mo ntlong e ntsha ba bo ba na le se ba se jang mo teng.

A re se gape se dirilwe ke badiri ba kokelwana ka go tswelela ba ntse ba ntsha mo dipateng tsa bone go fitlhelela seo.

Fa Mopalamente wa kgaolo ya Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi o galaleditse badiri ba kokelwana ya Mogorosi go supa mowa wa bopelotlhomogi ka go agela motlhoki ntlo.

Rre Lesedi o ne a supa fa badiri ba ne ba tlhotlheleditwse  ke mowa oo boitshepo go dira ka botswapelo le go lemoga ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Mopalemente o ne a isa malebo segolo bogolo kwa go ba botsogo ka tiro e ba e dirileng ya go fa motlhoki seriti mo setshabeng.

A re Batswana ba rotloediwa thata go nna batho ba ba kutlwelo botlhoko jalo se se tsamaelana le lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya 2036, gore mongwe le mongwe a bo a le mo botsogong jo bo siameng e bile a sa salela kwa morago ka dikitso. A re go a itumedisa go bona ba botsogo ba kgathala ka mong  ka bone.

Rre Lesedi a re badiri ba kokelwana ba file Mme Koontshitse serite ka jaanong a na le bonno jo bo nametsang.

Mopalamente Lesedi o ne a abela Mme Koontshitse dikobo tse nne a bo a solofetsa fa a tlaa tswelela ka go mmatlela dithuso tsa go agelela lelwapa le go aga ntlwana ya boitiketso.

O rotloeditse bagwebi le botlhe ba ba nang le bokgoni gore ba ikitee ka thupana go tsenya letsogo go thusa puso go ntsha ba bangwe mo lehumeng.

A re lehuma ga se boikgethelo, ke tlhoko lesego fela e e tshwanetseng go emelwa ka dinao.

Moabelwa e bong Mme Koontshitse wa dingwaga tse masome a mane yo  eleng monni wa Mogorosi mo kgotleng ya Setshe a re o itumetse fela thata ka mpho e a e boneng.

A re se se mo tlotlomaditse thata mo motseng e bile o tlaa tlhomamisa gore o tlhokomela ntlo ena.

Mme Koontshitse a re o godiseditse bana ba gagwe ka botlhano mo ntlong ya Setswana e go neng go le dingalo thata segolo bogolo ka nako ya dipula ka boroko bo ne bo sa ba lekana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Phodiso Gaebepe

Location : MOGOROSI

Event : Ka bo dimpho

Date : 15 Dec 2023