Ba le 900 ba ikwadiseditse Letlotlo
13 Dec 2023
Balemi ba kgaolo ya Okavango ba feta makgolo a a ferang bongwe ba setse ba ikwadiseditse lenaneo la Temo Letlotlo. Go boletse jalo modulasetilo wa khansele ya Okavango Rre Gaopalelwe Ronald. Rre Ronald o ne a bula phuthego ya khanselel kwa Gumare ka Mosupologo.
A re lenaneo le setse le simolodisitswe semmuso koo e bile kwadiso ya balemi e tsweletse mo maranyaneng a tsa temo, a a diretsweng gore balemi ba akole lenaneo ka botlalo.
A re le fa go ntse jalo go kile ga nna le madiadia mo ikwadisong ka ntata ya maranyane a a neng a sa bereke sentle.
Temo Letlotlo ke lenaneo la puso le le itebagantseng le go ntsha dijo ka bokete, maikaelelo e le go tokafatsa seemo sa dijo mo malapeng le setshaba ka kakaretso.
Gape le diretswe go rotloetsa balemi go lemela go rekisa e seng go jela mo ganong. Mo dikgannyeng tse dingwe Rre Ronald o boleletse makhanselara gore go tipiwa le kalafi ya senkobo di tsweletse.
A re dikgomo di le 10 890 mo go tse 11 219 di solofetsweng go tipiwa mo setlheng seno sa ngwaga di setse di tipilwe.
Rre Ronald a re dikgomo di le 2 926 le dihutshane di le 54 tsa barui ba le 473 di alafetswe senkobo. A re dikgomo dingwe di santse di tlhoka kalafi gore di fole fodifodi fa bokete jwa bolwetse bo kokobetse mo go tse dingwe. O kgothaditse barui go sola molemo lenaneo la puso la phokoletso ditlhwatlhwa ka sephatlo go alafa loruo lwa bone ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase.
A re kgaolo ya Okavango e santse e na le mathata a diphologolo tse di tshwenyang, bogolo jang ditlou, tse a reng di senya dujalo le dipompo tsa metsi. A re go gatisitswe dikgang di le 146 tsa letshwenyo la diphologolo mo Okavango mo setlheng seno sa ngwaga mme lephata la Diphologolo le setse le phimotse ba le 184 keledi ka P361 373.15. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : POTSOLOTSO
Date : 13 Dec 2023