Puso e rotloetsa bomme-Serame
12 Dec 2023
Puso e dira gotlhe go rotloetsa le go tseela dikgang tse di amang bomme kwa godimo.
Se se builwe ke Tona wa Lephata la Madi, Mme Peggy Serame ka Matlhatso kwa bokopanong jwa go rotloetsa bomme, jo bo neng bo rulagantswe ke mokgatlho wa Motivational Talks by Matie.
Mme Serame a re go le gantsi bomme ba nna ka fa mosing mo go tsa itsholelo mme itsholelo ya bone e babalelwa ke dikgwetlho tse dingwe di tshwana le tsa go tlhokomela bana.
A re go tswa goo Lowe bana ba basetsana ba salela kwa morago mo go tsa thuto mme ba ba basimane ba ne ba gatela kwa pele ka jaana ba ne ba isiwa sekoleng go tsweledisa dithuto.
Mme Serame a re se se monate ke gore go na le diphetogo, bomme ba na le sebaka sa go tsena dithuto fela jaaka borre.
O ikuetse mo go bomme go tsibogela dikgwetlho tse di amang bomme le bana ba basetsana fa ba di bona. A re le fa puso e kopanetse dikgang tse di amang bomme le mafatshe a mangwe, se se botlhokwa ke gore a tse di saenetsweng di diragadiwe.
A re puso ga e a tshwanela go saena ditumalano tse di itebagantseng le bomme le melao ya go ba godisa fela mme e tshwanetse e bone gore di a diragala. O ne a supa fa mo dingwageng tse tharo kana tse pedi tse di fetileng, go ne ga nna le pharologanyo jaaka Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ne a tsenya bomme ba ba nang le bokgoni mo maemong ditirong tsa puso.
A re mo nakong eno, bontsi jwa bakwaledi mo maphateng a puso ke bomme ka Tautona a ne a lemoga fa ba na le bokgoni.
Mme Serame o ne gape a supa fa bontsi jwa maphata a a itebagantseng le dikgwebo a eteletswe pele ke bomme, se e le sesupo sa gore bomme ba a kgona e bile ba kgona go lemogiwa mo lefatsheng leno.
A re le fa go ise go lekane, pharologanyo e a bonala. A re mo sepolotiking 11 per cent ke bomme mme se se supa fa go santse go na le kgwetlho. O ikuetse mo go bomme go ema bomme ba bangwe nokeng fa ba emetse ditlhopho ka e le bone ba leng dipalo dintsi ka go dira jalo go ka ba thusa go isa bomme kwa Palamenteng.
Mme Serame a re bomme ba tshelela mo dikgwetlhong di tshwana le kgokgontsho ya bong le letlhoko la ditiro.
A re banana bogolo jang ba tshelela mo diemong tse di thata ka ba lebagane le letlhoko la ditiro.
O supile fa mo nakong eno, go na le matlhasedi a ngwao le dilo dingwe tse di santseng di le teng tse di sa rotloetseng bomme gore ba eme ka dinao le bone ba supe fa ba ka kgona.
A re basadi ba bantsi mme ga ba rotloetse bomme ba bangwe bogolo jang mo polotiking mme a kopa bomme go emela bomme ba bangwe ka dinao ba ba rotloetse.
Mme Serame a re fa motho a dira sengwe a bo a sa kopane le dikgwetlho fa gongwe ga a tswelele mme o ema gone fa a simolotseng teng.
A re mongwe le mongwe o tshwanetse a nne le tebelopele gore go seka ga nna motlhofo gore a kgoreletsega a bo a gakolola bomme go tswelela ka go ikoketsa kana go itlhabolola.
A re bontsi jwa bomme ba gatelelwa ke maikutlo ka ba beile mo go fiweng madi ke borre mme bomme ba tshwanelwa ke go leka ka nako tsotlhe go bona gore ba ka dira madi jang ka ebile go na le mananeo a puso a a ka ba thusang.
O ne a rotloetsa Mme Mathogonolo Sebeka yo e leng mosimolodi wa mokgatlho wa Motivational Talks by Matie go sa tseele kwa tlase se a se simolotseng mme se simolotse se le sennye.
Mme Sebeka o supile fa a ne a simolola a na le sengwe se se neng se mo gateletse mo tlhaloganyong gore a felele a simolola mokgatlho wa gagwe mme tshisego eo ya gola go fitlhelela a e tlhaloganya gore e mo isa kae.
A re o ne a simolola a nna le kgatlhego ya go etela ditiro dingwe tse di neng di tshwarwa mme di amana le bomme.
Mme Sebeka a re o ne a simolola a nna a kwala mo maranyaneng mme a gakolola batho bogolo jang bomme, a nna a ya kwa dikoleng a gakolola baithuti mme kgabagare a simolola mokgatlho ka 2019 o maikaelelo a one e leng go fa bana ba basetsana thotloetsaole go fa bomme tlhotlheletso. ENDS
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : POTSOLOTSO
Date : 12 Dec 2023