Breaking News

BDF e abela Kokotsha Play Group

12 Dec 2023

E tlaare metseletsele ya maitiso a setlhopha sa mmino sa Sesole sa Botswana e wela, banni ba metse e le lesome le botlhano ba bo ba setse ka go rumaruma jaaka sesole se tlaabo se abile P450 000 go thusa ba ba tlhokileng lesego.

Tiro e ya bopelotlhomogi, ya ngwaga le ngwaga, e mo ngwageng wa masome a mararo e ntse e dirwa, selo se se dirileng pharologanyo thata mo matshelong a ba ba thusitsweng.  

Mogolwane go tswa mo BDF Colonel Norman Kebakuile o buile se jaaka a ne a abela sekole sa bananyana sa Kokotsha Play Group P25 000 kwa Tsabong bosheng.

O ne a tlhalosa fa ba ne ba tswa ka mogopolo wa go kokoanya madi go thusa ba ba tlhokileng lesego go thusa setshaba se ba direlang mo go sone fa ba kgonang teng go simolola ka 1991.

Colonel Kebakuile o ne a tlhalosa fa e le ba BDF ba tshwaraganye mmogo le balaodi, ba Khansele mo lekalaneng la boipelego go ba thusa go tlhopha ba ba ba tlhokang thuso. 

O ne a supa fa ba simolotse letsholo la BDF la maitiso kgwedi e e fetileng ya Ngwanaatsele e tlhola malatsi a le mararo mme ba tlaa  wetsa kwa Lobatse Civic Hall kgwedi eno e le lesome le borataro.

Colonel Kebakuile o ne a tlatsa ka go supa fa tshologelo e ne e le e e nametsang mo metseng e ba setseng ba fetile ka yone ba lebeletse gore ke metse e e botona bo kae, mme a rotloetsa Batswana go tswelela ba ba eme nokeng ka madi a ba a kgobokanyanag e le a setshaba go thusa fa puso e tlhaelang teng ka e ka seke e kgone e le nosi.

Mo potsolotsong le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Kokotsha, Mme Nanaki Basimane yo e leng ene a amogetseng madi ao o ne a galaletsa ba BDF thata, a supa fa sekole sa Kokotsha Play Group sa bananyana ba dingwaga tse pedi le sephatlho go ya kwa go tse nne se tlhokana le didirisiwa tse di ntsi mme madi ao a tlaa thusa go thiba fa go tlhaelang teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Kabo dimpho

Date : 12 Dec 2023