Breaking News

Ditlhalano diya magoletsa

12 Dec 2023

 Mothusa molaodi mo kgaolong ya Tsabong Mme Thapelo Lesolame  a re boeteledipele bo tshwentswe ke dipalo tse di kwa godimo tsa ditlhalano bogolo jang tsa banana.

 Mme Lesolame o buile se  ka letsatsi la moletlo wa Re-a-Nyalana kwa Khawa bosheng.

O boletse fa dikgang tsa tlhalano di sa jese balaodi diwelang, ka jalo a rotloetsa batho gore pele ga ba nyalana ba bo ba tsere ba tsaya tshwetso a go aga malwapa a motia.

O boletse fa go simolola ka ngwaga wa 2021 go fitlha mo nakong eno, kgotla kgolo ya ditsheko e setse e gatisitse dikgang di le dikete tse tharo, makgolo a mararo le masome a mabedi le bosupa (3 327) tsa banyalani ba ba kgaoganyeng semmuso bontsi e le banana.

 Banyalani ba le boferabongwe ba ne ba ikanisiwa ka letsatsi leo.

O akgoletse banyalani go bo ba tsere tshwetso e e maleba ya go akola lenaneo la Re-a-Nyalana, ka jaanong ba tla a kgona go tsamaisa malwapa a bone ka fa go tshwanetseng ba setse morago ka fa ba lailweng ka teng, selo se se tlaa ba thusang go aga bana go nna le botho le bokamoso jo bo eletsegang mo setshabeng.  O ne a kgothatsa borre go nna ditlhogo tsa malwapa tse di nang le boikarabelo mme ba tlogele mokgwa wa go kgokgontsha bomme, mme ba ba apese ka bothito jwa lorato ka dinako tsotlhe.

Mme Lesolame o rotloeditse bomme go tlotla borre ba bone jaaka lefoko la modimo le kwadilwe.

A re gore manyalo a bone a nne le kagiso le ledula ke gore ba tlotle manyalo ka go buisanya, go itshwarelelana fa yo mongwe a dirile phoso le gone go tshephana, go emana nokeng ka dinako tsotlhe go le botlhoko go le monate go itsa dikgang tsa dipolaano tse di tshwenyang mo lefatsheng ka bophara. Mothusa molaodi o ne a gakolola banyalani botlhokwa jwa go tsena mo manyalong ba tlhaloganya melao ya lenyalo, e katswa e  la setswana kana la sekgoa, le go ithuta gore go tlhakanela dithoto le go se di tlhakanele go raya eng pele fa ba tsena mo lenyalong.

O ne a gakolola batsadi go tswa mo manyalong a bana ba bone ka seo se ka thusa go aga malwapa a nang le motheo e bile e itsetsepetse.

Kgosi David Toto ll wa Tsabong fa a ama banyalani  ka lefoko o supile fa lenyalo la Re-a-Nyalana le fokotsa ditshenyegelo ka ditirelo di ba latela fa ba leng teng jaaka e le maitlamo a puso.

A re Re-a-Nyalana ke lenaneo le le faphegileng le le amogetsweng ka diatla tsoo-pedi ke puso ka le le mosola ka gore le fokoleditse dikgosi dikgang tsa go lwela dithoto mo makgotleng a Setswana selo se a neng a phophotha legetla boeteledipele jwa mokgatlho oo.

O boletse fa mokgatlho oo, o tsile ka nako e e maleba ka jaana puso e sa beye sebete batho ba ba nang mmogo ba sa nyalana.

Kgosi Toto ll o rotloeditse banyalani go amogela modimo go tsamaisa manyalo a bone ka go baya modimo kwa pele mo dikgwetlhong tse ba tlaa kopanang natso mo manyalong a bone.

Mongwe wa banyalani ba letsatsi leo Rre Abram Molapong o lebogetse thata Re-a-Nyalana go bo e gorogile kwa Khawa ka ba sa le ba e emetse, a supa fa ba le motlotlo le go nna le seriti ka jaana ene le mohumagadi wa gagwe ba tlaa kgona go tsenelela merero ya manyalo ba phuthologile le gone go godisa bana sentle ka fa molaong. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KHAWA

Event : POTSOLOTSO

Date : 12 Dec 2023