Thapelo e nale maatla -Mogolwane
12 Dec 2023
Ba sepodisi sa Palapye ba tshwaragane le dikereke ba ne ba tshwara merapelo kgatlhanong le dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho mo kgaolong eo, ka tumelo ya gore ba ka fenya ka mautlwelo botlhoko a Modimo.
Merapelo eo, e ne e tsenwe ke dikereke ka go farologana le bogogi jwa Palapye ba le bone ba tshwentsweng ke dikotsi tsa ditsela.
Tiro eo, e ne e tshwaretswe fa thoko ga tsela ya A1 kwa Setatse le kwa masimong a Lechana, le ya A14 gaufi le moepo wa Morupule.
Mogolwane wa mapodisi a pharakano kwa Serowe Assistant Superintendent Koolebogile Sefatlhi, a re ba tshwentswe ke dikotsi tsa tsela tse di gapang matshelo a batho, fa tse dingwe di tlogela bangwe ka bogole.
Assistant Supritendent Sefatlhi a re ba bone go tshwanela gore ba kope thuso kwa modimong ka ba dumela fa thapelo e na le maatla a go fenya tsotlhe.
A re ba latlhegetswe ke batho ba le bantsi mo dikotsing tsa tsela a tlhalosa gore motho fa a tlhokafala ke tatlhegelo e kgolo ka gore ga gona yo o ka mo emelang.
Ka jalo Assistant Superintendent Sefatlhi o ne a gakolola bakgweetsi gore nako tsotlhe ba netefatse gore dikoloi tsa bone di itekanetse fa ba tsaya mesepele.
A re mokgweetsi o tshwanetse a kgweetse koloi a itekanetse gore a obamele matshwao a tsela ka nako tsotlhe.
Mogolwane o ne a re ba rulagantse thapelo go lebilwe malatsi a Keresemose le Ngwaga o mosha, ka ba lemogile gore dikotsi ka bontsi di bakiwa ke boitumelo jo bo kwa godimo le mesepele e meleele.
Assistant Supritendent Sefatlhi a re ba lekile ka gotlhe mo ba ka go kgonang go thibela dikotsi tse di tsweletseng, ke ka moo ba boneng go tshwanela ke go bitsa dikereke go tla go rapelela dikotsi .
Assistant supritendent Sefatlhi a re bontsi jwa dikotsi di bakiwa ke lebelo le le kwa godimo le maitsholo a e seng one mo bakgweetsi bangwe mo ditseleng.
O ne a kopa baruti go akaretsa masula otlhe a borukuthi jo bo ileng magoletsa mo kgaolong ya Palapye le kgokgontsho a tlhalosa fa matshelo a batho a le mo diphatseng ka lebaka la dirukutlhi tse.
A re sepodisi ka nosi ga se kake sa kgona go lwantsha borukutlhi, ke ka moo ba rotloetsang mowa wa tshwaragano, neelano fa gare ga bone le morafe.
Mothusa Mogolwane wa mapodisi a pharakano mo Palapye Inspector Christopher Mpofu a re ba gatisitse dikotsi tsa tsela di le 467 mo ngwageng ono mo go tsone di le 13 e le tse di masisi.
Inspector Mpofu a re ka ngwaga wa 2021 ba gatisitse dikotsi i le 513, ka 2022 di le 506 tse di masisi di le le borobabongwe mo ngwageng tsoo pedi .
Mogolwane wa lephata la Ditsela Dipalamo le Ipabalelo mo Palapye, Rre More Chapete a re dikotsi tsa tsela di gaketse mme kgang e tona ke gore bakgweetsi bangwe ga ba obamele matshwao a tsela gape ga ba tlhatlhobe dikoloi tsa bone gore a di itekanetse.
Rre Chapete a re dikoloi ga di a direlwa go bolaya mme di diretswe go thusa mesepele le go rwala dithoto ka jalo ga di dire dikotsi mme bakgweetsi ke bone ba bakang di kotsi.
Rre Chapete a re go lemosegile fa batho ba ba amegang thata mo dikotsing tsa tsela e le banana.
O ne a kopa batsadi go gakolola le go lemotsha banana bodiphatsa jwa go kgweetsa ba iphitisitse dino kana dikoloi di sa itekanela.
A re mongwe le mongwe a eme ka dinao go thusa ba molao, a tlhalosa gore go batla batho ba fetola boitshwaro le ka fa ba dirang dilo ka teng.
Rre Chapete a re ipabalelo tseleng ke ya mongwe le mongwe, a tlhalosa fa go le botlhokwa gore botlhe ba tshele ipabalelo tseleng go hema dikotsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : POTSOLOTSO
Date : 12 Dec 2023