Baagedi ba Modipane ba amogelwa semmuso
11 Dec 2023
Kgosi Fanuel Mokalake wa Modipane o amogetse semmuso baagedi ba motse oo gore e nne banni ba tlhomamo gore ba kgone go nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse.
E rile a bua mo phuthegong ya go ba amogela semmuso ka matlhatso kwa kgotleng ya Modipane, Kgosi Mokalake a supa fa Modipane a gola ka lebelo le le kwa godimo ka motse o bapile le toropo kgolo Gaborone.
A re ka jalo go botlhokwa gore baagedi ba amogelwe semmuso gore ba seka ba ikutlwa e ka re ga se karolo ya morafe wa Modipane, mme ba nne ka tshosologo le kamogelesego e e tlhomameng.
Kgosi Mokalake a re o ne a lemogile gore bontsi jwa baagedi fa go bidiwa diphuthego ga batle ka ba akanya gore gongwe phuthego ke ya beng ba motse ntswa le bone ba tlhokega gore ba itse gore go diragala eng mo motseng wa bone.
“Bagaetsho, le amogelsegile mo motseng wa Modipane, nnang ka tshosologo le mowa o o edileng le itse gore le banni ba motse o mme e bile seabe sa lona sa go o tlhabolola se mosola fela thata.”
Kgosi a re phuthego eo ya kamogelo e e leng ya ntlha go diragala, e tla nna e dirwa ngwaga le ngwaga go amogela ba bangwe le go sekaseka gore ba ba amogetsweng ba fa kae le go lekola botsogo jwa motse wa bone. A re phuthego ya mofuta o, e thusa gore baagedi ba itse ditsamaiso tsa motse wa bone le gore merero e dirwa jang mo kgaolong ya bone.
O ne a supa fa Modipane a na le dikgotla di le tlhano e leng Kgosing, Radithebe, Motsamai, Mokatse le 3kopi. A re baagedi ba tshwanetse ba tlhaloganye gore Mokatse ga se motse oo ikemetseng ka nosi, ke kgotla ya Modipane, kgang ke gore kgotla eo e ne ya gola mme ya simolola go nna le dikgotlana ka fa tlase ga yone. Kgosi Mokalake a re seo se raya gore mo nakong e e tlang fa baagedi ba bitswa go tla go amogelwa semmuso, se se akaretsa le ba Mokatse kana Radithebe.
Baagedi ba motse oo, ba ne ba supa boitumelo jo bogolo fela thata ka jaana ba amogetswe ka matsogo oo mabedi mme seo se ba naya go nna ka boitumelo le tshosologo. Mme Onkabetse Ketshabile yoo tlholegang kwa Serowe mme e le moagedi wa motse oo, a re e ne yare a tla mo motseng oo a kopana le kgosi mme a mo amogela ka diatla tsoopedi. Mme Ketshabile yo o leng mona-le-bogole, a re o simolodisitse mokgatho o ka one a tlaa thusang ba-na-le-bogole mo kgaolong eo le gone go thusana le morafe wa motse oo.
Rre Matches Seleke yo e leng moagedi wa Modipane go tswa kwa Mochudi mme e bile a setse a na le dingwaga a nna mo motseng oo a re ke boitumelo jo bogolo fela thata mo go bone ka go fiwa tlotla ya go amogelwa ke bogogi jwa motse oo.
Rre Seleke, yo e leng modulasetilo wa Modipane Development Trust, a re e sale a nna mo Modipane ga a ise a itseye jaaka moagedi ka a ne a amogelwa ka matsogo oo mabedi.
E rile a fa malebo, mopalamente wa kgaolo eo Rre Mabuse Pule o lebogetse boeteledipele jwa ga Kgosi Mokalake ka tiro e ntle e a e dirileng go bitsa baagi ba motse oo gore ba nne karolo ya motse wa bone.
Rre Pule a re tshwaragano ya motse e raya go le gontsi mo go tsiseng ditlhabololo mo motseng wa bone mme botlhale jwa ga Kgosi Mokalake ke jone bo supang tomagano eo le baagi ba Modipane. O ne a supa fa go le botlhokwa gore le bone ba tsenelele diphuthego le merero yotlhe ya mo motseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MODIPANE
Event : Phuthego
Date : 11 Dec 2023