Breaking News

CA Sales e abile dimpho kwa Letlhakeng. 2

10 Dec 2023

Khampani ya CA Sales & Distribution mo Gaborone, e abetse bagodi le ba-na-le bogole ba le masome a mararo kwa Letlhakane dijo.

Fa a amogela baeng kwa moletlong oo ka Labone, mothusa kgosi, Rre Tumelo Puleng o supile fa kgaolo ya Letlhakeng e na le letlhoko le le ntsi mme go ngomola pelo ka pula e le boutsana mme banni ba itshetsa ka temo.

Mookamedi wa CA Sales & Distribution mo Gaborone, Rre Job Aabobe o tlhalositse khamphani e  leka ka bojotlhe go thusa Batswana. O tlhalositse fa ba ka se kgone go abela batho botlhe mme a kgothatsa morafe wa Letlhakeng go thusa bangwe ka bone ba ba tlhokileng lesego.

Mongwe wa bagolo, Mme Keegope Kasemang o lebogile Modimo gore a bo a ba kgobokantse gore ba abelwe. Mme Kasemang o kopile CA Sales go tswelela e dira tiro e ntle e ba e dirang a supa fa ba itumeletse dimpho tse ba di abetsweng.

Mokwaledi wa ofisi ya Mopalamente ya Letlhakeng/Lephepe, Rre Tshenolo Babupi le ene o lebogile CA Sales a bo a kopa dikhamphani tse dingwe go thusa kgaolo ya Letlhakeng. ENDS

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG -

Event : POTSOLOTSO

Date : 10 Dec 2023