Breaking News

Re a Nyalana tharabololo ya dikgotlhang

10 Dec 2023

Mookamedi wa mokgatlho wa Re A Nyalana, Mme Annah Motswagole o rotloeditse batho ba ba tshelang mmogo ba sa nyalana go inaakanya le mokgatlho oo ka e thusa go tila  dikgang tsa go lwela dithoto le masika fa yo mongwe a tlhokafetse.

Mme Motswagole yo gape e leng motlhami wa mokgatlho, o tlhalositse fa a o simolodisitse ka 2012 ka maikaelelo a go fokotsa dikgang tsa go lwela boswa ke ba masika fa mongwe wa baratani a tlhokafetse.

Fa a bua kwa moletlong wa Re A Nyalana kwa Khawa ka Labone, o boletse fa mokgatlho o rotloetsa le go tlotlomatsa seriti sa lenyalo le le ka fa molaong ka go thusa batho ba ba tshelang mmogo go nyalana semmuso.

 

Mme Morwaagole o tlhalosiste fa puso e lemogile botlhokwa jwa mokgatlho oo mme e tshwaragane le one go thusa go aga malwapa a a itshetletseng ebile a tshela ka kagiso, go thusa go godisa bana ka fa go tshwanetseng e bile ba na le boikarabelo le bokamoso jo bo eletsegang.

O supile fa go fitlha mo nakong eno ba nyadisitse batho ba ba neng ba tshela mmogo ba sa nyalana ba le 7 046 lefatshe ka bophara, ba mo go bone 85 per cent ba ne ba setse ba dirile merero ya dipatlo fela, 15 per cent ba sa ntsha magadi fa 60 per cent e ntshitse magadi le patlo.

Mme Motswagole o tlhalositse fa ba setse morago Customary Law le Common Law mme pele ga ba nyadisa ba dira dithulaganyo tsotlhe tse di tlhokegang jaaka tshidilo maikutlo ya banyalani pele ga nyalo.

 

O boletse fa ba tshwaragane le ba ba maleba go tlhalosetsa banyalani mo go tseneletseng ka pharologanyo ya molao wa manyalo, tlhakanelo dithoto le go tlhoka go di tlhakanela gore ba tsee ditshwetso tse di maleba.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Babedi Ncaagae o boletse fa lephata  le simolotse go tshwaragana le mokgatlho wa Re A Nyalana ka 2021 morago ga go lemoga botlhokwa jwa o ne ka puso e ka se kgone e le nosi mo ditlhabololong le matshelo a setshaba mme e tlhokana le makgotla a a ikemetseng go fitlhelela maitlamo a yone.

A re puso e tshwaraganye le makgotla a a ikemetseng mo dikgannyeng tsa kgokgontsho, go tlhoka kutlwisisano ga batsadi mo malwapeng le tiriso botlhaswa ya bana. Mangwe a makgotla ao a akaretsa Re A Nyalana, Rock Solid Family Foundation, Stepping Stones International, le Healthy Family Foundation, mme ba simolotse go thusiwa ka ngwaga wa madi wa 2021/2022.

 

Mme Ncaagae o boletse fa dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le go ntshiwa ga bogadi jaaka e le ngwao, kgethololo ya ba ba inaakanyang le Re A Nyalana, madi a a sa lekaneng go fitlhelela metse e e kgakala thata le ditlamelo, bana ba ba senang dikarata tsa sekale ba ba kwa tlase ga ngwaga tse tlhano, bana ba ba tsholang bana ba le ba nnye, ba ba senang omang, dikgang tsa kgokgotsho le tse dingwe.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo baeng Kgosi Piet Manyoro a galaleditse Re A Nyalana go bo e gorogile kwa motseng wa gagwe ka e le botlhokwa mo go rotloetseng nyalo e e boitshepo. Kgosi Manyoro o boletse fa Re A Nyalana e le tharabololo ka e tsile go fokoletsa dikgosi dikgang tse di tshwenyang tsa go lwela dithoto fa baratani ba kgaogana kana mongwe wa bone a tlhokafetse ka ba masika ba felela ba di amoga le bone bana tota.

O boletse fa setlanakana sa Re A Nyalana se tshwana fela le sa botlhe ba ba nyalanang kwa ga molaodi mme a rotloetsa morafe go inaakanya le mokgatlho.

Kgosi Manyoro o kgothaditse banyalani mo letsatsing leo go ikanya le go itsetsepela ka lefoko la Modimo ka dinako tsotlhe BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KHAWA

Event : Moletlo wa Re a nyalana

Date : 10 Dec 2023