Borukutlhi le dikotsi tsa tsela di a oketsega
07 Dec 2023
Dikotsi tsa tsela le borukutlhi ka mefuta, ke dingwe tsa matlhoko a apereng lefatshe leno.
Kgosi Tshipe Tshipe wa Mahalapye o buile se mo phuthegong ya dikereke ka go farologana le bogogi jwa Mahalapye ee neng e rulantswe go rapelela pula.
Fa a amogela morafe, Kgosi Tshipe a re kwa ntle le gore lefatshe le omeletse ntateng ya boseyong jwa pula, go na le matlhoko le dibetso ka go farologana.
O kopile phuthego go ema ka bongwefela jwa pelo mo moweng wa thapelo, ba sa leba ditumelo tsa bone ka ba rapela Modimo o le mongwefela.
A re o na le tsholofelo e ntsi ya gore Modimo o tlaa araba dithapelo tsa bone, lefatshe le bo le boela mo seemong se se itumedisang go se na tlala.
Tiro ya thapelo e ne e tshwerwe ke baruti kago farologana mme kgangkgolo e le go rapelela pula , borukutlhi, mogare wa HIV, dipetelelo, kgokgontsho ya bong, dikotsi tsa tsela, dipolaano tsa baratani ga mmogo le go ikgapela botshelo.
Moruti Slumber Sebele wa kereke ya Spiritual Healing Church kwa Mahalapye, o boletse fa ntle le pula go sena botshelo.
Moruti Sebele o tlhalositse fa dijalo le diruiwa di sa tshele fa go sena pula ka ke yone e tsisang dijo mo lefatsheng ka temo mme mo nakong eno, ga go ise go lemiwe ka lebaka la go tlhoka pula.
O boletse fa ba itemogetse fa ditlhotlhwa tsa dijo di le kwa godimo ka gore dijo tsotlhe di a rekwa mme e bile ka tlwaelo, go tshwanetse gore balemi ba bo ba simolotse go roba ba ja go tswa mo masimong a bone. A re fa go na le thobo ga go nne le tlala e ntsi mo lefatsheng ebile go nna le mowa wa neelano mo malwapeng, batho ba kgaogana thobo ya bone.
Moruti Sebele o rotloeditse morafe go rapela ba bo ba ikope maitshwarelo mo Modimong, gore a ba segofatse ka pula .
O ba kgothaditse go ikgakologelwa ba bo ba diragatsa ditumelo tsa bone gore pula e nne teng, ba kgone go falola leuba. Moruti Lerato Tumelo wa kereke ya Seventh day Adventist o tlhalositse fa nonofo ya Modimo e kopana le maiteko a batho mo lefatsheng e ka ntsha maduo. A re go tla mo bokopanong jwa mofuta o, Modimo o itumetse.
Moruti Tumelo o kgothaditse botlhe ba ba ikaegileng ka temo thuo gore ba seka ba nna le boitlhobogo le fa lefatshe le omeletse ke leuba.
O supile fa leuba e se selo se sesha mo lefatsheng ka jalo, a rotloetsa gore ba eme ka tsholofelo, seemo se seka sa ba kgoba marapo se bo se ba ntsha mo tumelong .
Moruti Tumelo o bile a kgothatsa morafe gore ba se tlhoke pelaelo, a re Modimo ke Modimo o o arabang dithapelo.
Fa a tswala tirelo, Mopalamente wa Kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, Rre Yandani Boko o lebogetse Kgosi Tshipe go rulaganya merapelo a re se, se supa fa a bona diemo tse di amang morafe wa gagwe ebile a o gakologelwa le mo nakong e e thata ya leuba.
O rotloeditse morafe go nna ka tsholofelo le fa go ka tsaya lebaka gore dithapelo tsa bone di arabiwe, kwa bofelong ba tla arabiwa.
Rre Boko o lebogetse diphuthego tsotlhe go tla pitsong ya thapelo a re se, se supa fa ba dumela gore Modimo o tlaa fodisa lefatshe le bo le boela mo seemong se se siameng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya dikereke
Date : 07 Dec 2023