Eteletsang dikeletso tsa lefatshe kwa pele
07 Dec 2023
Moruti Kagiso Pema o kopile Batswana go eteletsa pele dikeletso tsa lefatshe go nale tsa bone, a re ba tshwanetse ba lemoga gore molemo ope o o ka ungwelang lefatshe la gaabo o ya go boa o akolwa ke bone e le setshaba.
Fa a neela mafoko a kgothatso mo boemong jwa lekgotla la baruti la Kanye kwa merapelong kgatlhanong le tshenyetso setchaba ka Laboraro o gwetlhile Batswana go lemoga fa tshenyetso setshaba e se bogodu le boferefere jwa madi fela mme e atologile ebile e ama mehuta e e farologanyong ya tshenyo.
Moruti Pema a re motho mongwe le mongwe o tlamega go ikilela le go itisa go tlhomamisa gore fa a leng teng ga a dire sepe se se ka kaiwang e le tshenyetso setshaba.
Mogolwane go tswa kwa lekgotleng la twantsho tshenyetso setshaba la DCEC Rre Dominic Khame o boletse fa lekgotla leo le lemoga botlhokwa jwa kereke mo gare ga ba-na-le-seabe ba lone ba ba farologanyeng, ka jalo a kopa maloko a dikereke go tsaya ka tlhwaafalo thuto ka ga tshenyetso setshaba, ba bo ba ikitaya ka thupana ka bongwe ka bongwe go tlhomamisa gore ga ba amane le yone ka gope.
Rre Khame o ne a ikuela mo go botlhe go tlotla le go tlotlomatsa tumelo ya bone ka go ila tshenyetso setshaba lebaibai.
“Tshenyetso setshaba e tsalwa ke go swa ga letswalo la motho le go kgotlelesega ga semowa sa gagwe. Mme ka gore kereke e bopa motho, tsholofelo ke gore fa e bopile motho sentle, motho wa go nna jalo a ile tshenyetso setshaba,” a tlhalosa jalo.
Rre Khame o ne a kopa le magosi go nna sekao mo bathong ba ba ba eteletseng pele ka go sa amana ka gope le ditiro tsa tshenyetso setshaba.
Mokhanselara Boss Wakwena wa kgaolwana ya Bakami kwa Kanye o ne a phophotha lekgotla la DCEC legetla go bo le tsere sebaka go bua le dikereke ka tshenyetso setshaba, a bolela fa seo se tlaa thusa go fema diemo tse mo go tsone bangwe ba ka iphitlhelang ba amane le yone ka ntlha ya bosenakitso.
Rre Wakwena a re bogogi jwa lefatshe la Botswana go akarediwa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ga bo beye tshenyetso setshaba sebete, ka jalo Batswana ka bongwe ka bongwe ba tshwanetse ba ema puso nokeng ka go dira se se lopiwang mo go bone.
E ne e rile go le pele fa a amogela batsena-tiro eo Kgosi Gaofenngwe Bome mo boemong jwa ga Kgosi Malope II a tlhalosa fa tshenyetso setshaba e le mmaba yo o bosula yo o ka kgoreletsang Batswana go akola mahumo a lefatshe la bone ka tekatekano.
A re ka ntlha ya se, e tshwanetse ya kgaphelwa ntle ya ba ya idiwa sebaka sa go ka itshetlela e bo e mela medi mo setshabeng.
Merapelo e e tla jaana e le matlhagola tsela a segopotso sa letsatsi la lekgotla la ditshaba la United Nations la ntwa kgatlhanong le tshenyetso setshaba.
Segopotso sa letsatsi leo se tlaa tshwarelwa kwa Kanye ka Labotlhano kwa go solofetsweng gore molaetsa mogolo wa letsatsi o rolwe ke tona Rre Kabo Morwaeng wa ofisi ya ga tautona. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Majoto
Location : Kanye
Event : Merapelo
Date : 07 Dec 2023