Dipalo tsa mogare di ya magoletsa
07 Dec 2023
Mme Rakereng o tlhalositse fa puso e e Mogolwane go tswa kwa mokgatlhong wa Mopipi Foundation, Mme Kagiso Rakereng a re go gatisiwa ga dipalo tse di kwa godimo tsa mogare o mosha go a tshwenya.
Fa a bua kwa Ditshegwane bosheng ka letsatsi la mafatshefatshe la HIV/AIDS a re , e re lentswa puso e fa balwetse dipilisi go ritibatsa mogare, le dipilisi tsa go thibela batho go tsenwa ke mogare o mosha, bangwe ba tlogegela dipilisi.
A re se, se busetsa maiteko a puso kwa morago.
Mme Rakereng o rotloetsa bakapelo go itlhatlhobela mogare wa HIV le go tsaya ditlamelo mmogo, a bo a supa fa go santse go na le kgethololo mo bathong ba ba tshelang ka mogare.
O tlhalositse fa dipalo tsa mogare mo kgaolong e, di ne di le kwa tlase fela thata mme jaanong di gola, a bo a kopa banni go leka ka bojotlhe go busetsa dipalo tse kwa tlase gape.
O kopile mongwe le mongwe go tsaya boikarabelo gore mogare o ye kwa tlase, a bo a ba kopa gore ba ipotse gore ba dira eng go thusa puso go lwantsha mogare wa HIV.
Mogolwane o tlhalositse fa puso e lekile ka tsotlhe go lwantsha mogare jaanong go saletse bone, a bo a kopa ba ba mo kalafing go se tlogele dipilisi.
Mme Rakereng a re letsatsi la mafatshefatshe la AIDS le direlwa gore ba itseye motlhala gore ba tswa kae, ba kgonne eng le gore ga ba a kgona eng.
Fa mogolwane mo kokelwaneng ya Letlhakeng Dr Chawanga Letsholathebe a tlhalositse fa batho ba le 5 308 mo kgaolong ya Kweneng Bophirima ba tshela ka mogare wa HIV e bile ba tsaya diritibatsi.
Dr Letholathebe o supile fa bontsi jwa ba ba tsayang dipilsi tsa diritibatsi e le bomme, a tlhalosa fa borre ba se bantsi.
O tlhalosiste gape fa borre ka bontsi ba seke ba itlhatlhoba, a bo a supa gore fa motho a sa itse seemo sa gagwe, o ka se itlhokomele sentle.
Dr Letsholathebe o tlhalositse gape fa dintsho tsa mogare tse dintsi e le tsa borre, a supa fa ba sa nwe dipilisi sentle mme ba felele ba tlhokafala.
A re gape balwetse bangwe ba tlogela dipilisi ka go nyelela ba sa di tseye mme ba felele ba tlhokafala.
O tlhalositse fa banana ba le 196 ba dikile ba imile, bangwe e le ba ba neng ba tsena dikole, fa bontsi ba ne ba tlogetse dikole le ba ba sa berekeng.
Dr Letsholathebe o tlhalositse gore go ima ga banana ka bokete jo bo kana ke sesupo sa gore ga go dirisiwe sekausu.
O supile fa batho ba le 1 452 ba dikile ba tshwerwe ka malwetse a dikobo, mme go supa gape fa go sa dirisiwe sekausu gape ba sa nne le mokapelo a le mongwe.
Dr Letsholathebe o akgotse bomme ba kgaolo e, ba ba imang ba na le mogare, a supa fa ba tsaya lenaneo la PMTCT sentle, mme ba felela ba tshola bana ba ba senang mogare gotlhelele.
Fa a fa bopaki, Mme Marufo Moreomogae go tswa mo mokgatlhong wa Ditshegwane Support Group, o ne a supa fa a tshwerwe ka mogare ka ngwaga wa 2000 mme ya re ka ngwaga wa 2001 a simolola go tsaya diritibatsi.
Mme Moreomogae o supile fa a ne a sa ikamogele pele, bogolo thata ka nako eo batho ba ba neng ba tshwerwe ka mogare wa HIV ba ne ba kgethololwa thata.
O tlhalositse fa erile kwa morago a ne a ikamogela mme botshelo jwa gagwe jwa simolola go nna motlhofo.
Mme Moreomogae o ne a tlhalosa fa a ne a tshwarwa ka bolwetse jwa sukiri mme a ikamogela ka bonako gore a kgone go e laola fela jaaka a dirile ka mogare.
E rile a a fa malebogo, modulasetilo wa komiti ya VDC Mme Tlalelo Rammoi, a supa fa go tsenwa ke mogare wa HIV go sa reye leso jaaka bangwe ba akanya, bogolo thata fa motho a ikamogela.
O ne a lebogela gore tiro eo e tshwaretswe mo motseng Ditshegwane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Ditshegwane
Event : Letsatsi la mafatshefatshe la HIV/AIDS
Date : 07 Dec 2023