Breaking News

Makhanselara ba tshwentswe ke tiriso botlhaswa ya ditagi

03 Dec 2023

Mokhanselara wa Ledumang, Rre Thuso Khubamang a re tiriso ya ditagi ke bana ba dikole bogolo jang ba Ledumang Senior Secondary School e a tshwenya.

 Rre Khubamang, o buile se kwa phuthegong ya Khansele ya Gaborone bosheng.

 A re theko le tiriso ya ditagi di jweleletse thata kwa mapalamelong a dikoloi tsa setshaba kwa ledumang.

Rre Khubamang o ne gape a tlhalosa fa ba dikgwebo tsa go tlhatswa dikoloi gaufi le seporo kwa Ledumang, ba sale ba tshephisiwa ditlhabololo di akaretsa mantlwana a boiteketso, mme nako kgolo ke eno.

Fa Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Lotty Manyapetsa a supile fa Kgaolo ya Gaborone North e saletse kwa morago mo ditlhabololong.

Rre Manyapetsa a re kgaolo e, e tlhoka ditlamelo di tshwana le diofisi tsa mapodisi, ka jalo, a re puso e tshwanetse go sekaseka go reka lefatshe mo kgaolong eo go tsisetsa banni ditlamelo di tshwana le dikole, kokelo, kgotla le tse dingwe.

O tlhalositse fa ditsela tsa kgaolo ya Gaborone North di tshwanelwa ke go tsibogelwa.

 Mokhanselara Manyapetsa a re dikgaolwana tsa Ledumang, Tsogang, Marang le Tsholofelo di saletse kwa morago ka kgopho ya metsi.

O ne gape a re seemo sa tiriso botlhaswa ya ditagi ke baithuti ba sekole se segolwane sa Ledumang Senior School le kwelo tlase ya maduo se tlhoka go emelwa ka dinao.

Mokhanselara Isaac Molefhe wa Notwane o ne a kopa khansele go tsibogela dikgang tsa bagwebi ba ba rekisang mo mekgwatheng .

A re gona le mafelo a a sa dirisiweng mo toropong a a ka adimiwang Batswana go direla dikgwebo mo go one ka nakwana.

 Rre Molefhe o ne a tlhalosa fa go tlhabisa ditlhong gore batswakwa ba bo ba rekisa mo mekgwatheng ya toropo, fa bangwe ba gweba ka dikgwebo tse di seegetsweng Batswana.  Mokhanselara wa Itumeleng, Mme Motamma Horatius o ne a tlhalosa fa a lebogela go baakangwa ga ditsela mo kgaolong.

 A re gore toropo ya Gaborone e fetole selebego, go tshwanetse ga fefogelwa go baakanya ditsela le go nyeletsa ditsela tsa mmu mo toropong. Mme Horatius o ne gape a lela ka kolelo ya matlakala mo mafelong a a sa dirisiweng mo toropong, a re mafelo a, a fetogile kwa go latlhelwang matlakala teng ese ka fa molaong, mme se a re se tlhoka tharabololo. Bokhutlo 

Source : BOPA

Author : Bonang Masolotate

Location : Gaborone

Event : Ohuthegong ya Khansele

Date : 03 Dec 2023