Babereki ba kopiwa go tsaya karolo
03 Dec 2023
Moeteledipele wa bodirelapuso (Directorate of Public Service Management) Mme Gaone Macholo a re go mo maruding a mmereki mongwe le mongwe go tsaya karolo fa a berekelang teng, go bona gore itsholelo ya lefatshe leno e golela kwa mangkalengkaleng, ebile e le maitlamo a Tebelopele ya 2036.
A re maikaelelo magolo a lephata la khiro ya babereki ba puso ke go tokafatsa bodiredi, go tokafatsa ka fa go dirwang dilo ka teng gore go nolofadiwe mosepele wa go fitlhelela itsholelo e e kwa godimo.
Mme Macholo o ne a buisa babereki kwa Tsabong bosheng.
A re ba berekisanya le makgotla a babereki mme ba ne ba bona go le botlhokwa gore go fetolwe melao le ditumalano le makgotla ao gore ba kgone go fetola ka fa go dirwang dilo ka teng, gore lefatshe le kgone go fitlhelela itsholelo e e kwa godimo.
O supile fa molao wa khiro (Public Service Act) o sa le o dirilwe ka 2010 mme jaanong nako e gorogile go o tlhabolola, a kaya fa melao ya khiro e itshetletse mo matshegong a mararo e leng Employment Act, Trade disputes Act le Trade Unions and Employment Organisations Act mme jaanong yotlhe e kopantswe go nna molao o le mongwe, morago ga go dira ditshekatsheko.
A re fa go dirisiwa molao wa 2010, dilo dingwe di ne di kgona go fosega ka melao e ne e le mafaratlhatlha mme jaanong molao o tlhabolotswe go lepalepana le dinako tsa segompieno, go tlhofofatsa dilo.
Mme Macholo a re e ne ya re ngogola a kopana le makgotla a babereki go buisana ka go tlhabolola bodiredi, fa go berekelwang teng le ditsamaiso tsa khiro le pereko.
A re dingwaga tse pedi tse di fetileng, ba ne ba tsena mo tumalanong ya ngwaga tse tharo ya go oketsa dituelo tsa babereki ka seelo sa five pe rcent mo ngwageng tse tharo, go itsa go boela kwa tafoleng kgapetsakgapetsa.
O supile fa go le botlhokwa go lebelela ditsamaiso tse di tshwanetseng tsa tlhabololwa, go tokafatsa bodiredi a re go ne ga dumalanwa go tlhabolola Disciplinary Policy le Occupational Safety and Health Policy gammogo le Learning and Development Policy.
Mme Macholo a re konokono ya tokafatso maduo mo tirong ke gore go botlhokwa go lebelela gore motho o ka rutuntshiwa jang go ntsha maduo e seng ka go ya sekoleng fela, le go sala morago Performance Management and Development Policy ya go ntsha maduo.
A re go tokafatsa tsa pereko, ba tlaa tseya Public Service General Orders ya 1996 e bo e tlhabololwa e fetolwa e bidiwa, conditions of service, mme dilo tsotlhe tse di amanang le pereko di tlaa kopanngwa mo bukaneng e le nngwe, di dirwa gore di tsamaelane le melao e mesha.
Mme Macholo a re ba dirile seo ka go buisanya le makgotla a babereki, Business Botswana le ba ba emetseng puso mme seo se ne sa ba thusa go lebelela melao yotlhe ka bophara.
Mo go tsa dituelo tsa babereki Mme Macholo o amogetse gore Fan shaped salary structure kana PEMANDU, e e saleng e simolotswe ka 2018 e ne ya diega ka mabaka a go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19 mme a tlhalosa gore ga e ise e agiwe, e santse e simololwa.
A re e ne ya re ngogola makgotla a babereki le mohiri ba dumalana go tlhatlosa dituelo tsa A band gore tiro e e kwa tlase mo bodirela pusong e leng ya bophepafatsi, e okelediwe dituelo go nna P2 500.
O supile gape gore ba ne ba tshwanelwa ke go tsenyediwa five percent go simolola go ne ngogola mme seo sa seka sa diragala mme ba itlamile gore seo se tlaa baakanngwa gore mongwe le mongwe yo o tshwanelang ke go duelwa a bo a duetswe kgwedi eno ya Ngwanatsele.
A re sebe sa phiri ke gore go santse go na le tiego, mme ebile go na le dikgwetlho ka gore ba ba duetsweng ba duelwa madi a a fetileng fa ba bangwe ba bone ba duetswe a a kwa tlase. Mme Macholo re go botlhokwa gore baeteledipele ba maphata ba ba tshwanetseng go tsaya boikarabelo mo diofising ba tlhatlose mosepele go duela babereki.
Mo dituelong tsa babereki ba C band a re kgang e ne ya isiwa kwa makgotla tshekelong mme lephata la khiro le ntsheditswe madi go duela babereki bao. A re baeteledipele ba maphata ba sa le kgang e morago ka gore ba eletsa gore fa ngwaga o fela, go bo go sena ope yo o kolotiwang mo go bo ne.
Mme Macholo gape o boletse gore lephata la khiro le gatetse pele go dirisa boranyane go fokoletsa puso ditshenyegelo. A re ba mo letsholong la go fokotsa tiriso ya pampiri ka gore go tsaya nako le madi go ntsha di payslip mme jaanong go simolotswe go dirisa maranyane go tlhofofatsa dilo mo ditirong. A re le go ikopela malatsi a go itapolosa go dirwa mo maranyaneng go simologile. Go dira jalo a re go tlaa boloka nako le madi a a ka dirisiwang mo ditirong tse dingwe tsa ditlhabololo.
Mme Macholo a re lefatshe leno le santse le saletse kwa morago go ntsha maduo ka jalo mongwe le mongwe o tshwanetse a tlhatlosa mosepele le go itshekatsheka fa a direlang teng.
Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa makgotla a babereki, Rre Johnson Motshwarakgole o lebogetse neelano e ntle fa gare ga mohiri le makgatla a babereki a tlatsa ka gore ba dira melao e e amang babereki (policies) ba lomagane le lephata la khiro.
O lebogetse boeteledipele jwa ga Mme Macholo gore o tlhatlositse dinao fa a s ale a tsena mo lephateng leo mme ba rerisanya sentle. A re mo melaong e mesha, tse di tokafaditsweng ke gore go okeditswe maternity leave ka dibeke tse pedi gape go simolodisitswe paternity leave ya malatsi a matlhano e e ntseng e seyo ka fa molaong. “Re di dirile tsone tseo di etla, nonang pelo ka mathe,” Rre Motshwarakgole a bolela.
A re mengwe ya melao e e fetotsweng ke gore molaodi mo kgaolong ke ene a mogolwane ka maemo le dithata mo badirelapusong botlhe ka jalo a kopa gore molaodi a lomagane le makgotla a babereki gore dilo di tsamaye ka thelelo. “A kgang di tshotlhiwe pele mo kgaolong pele ga di ya kwa go mohiri ka gore dikgaolo di a farologana,” Rre Motshwarakgole a tlhalosa.
O gokolotse lephata la khiro ya badirelapuso gore go botlhokwa gore fa go kwadilwe melao mme ebile ba e dumalane, go botlhokwa gore dinako tse di beilweng go diragatsa ditshwetso di obamelwe go itsa gore go kgopetsapetsanwe kwa makgotla tshekelong.
Molaodi wa Kgaolo ya Tsabong, Rre Bigboy Mangwa a re kgaolo eo e bophara mme ebile seo se pateletsa banni go latela ditirelo dingwe kgakala. A re seemo sa motlakase le metsi mo kgaolong eo se santse se le boutsana ka gore motlakase wa kgaolo eo o tsewa kwa Afrika Borwa mme ebile o kgaoga kgapetsakgapetsa.
A re le fa go na le dikgwetlho bodiredi bo a leka, mme a kaya fa go duela madi a badirelapuso a a saletseng kwa morago a C-Band go le bonya.
E nngwe kgwetlho ke gore bontsi jwa badirelapuso mo kgaolong ba tsaya lobaka lo lo leele ba sa hudusiwe go ya go berekela kwa mafelong a mangwe mme seo ke kgwetlho e kgolo ka e ama go isa ditirelo tsa boleng kwa Batswaneng. A re motho fa a nna golo go le gongwe lobaka, o felela a tlwaela tikologo mme seo se tsise dikgwetlho ka bangwe ba felela ba itebala. BOIKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : Bokopano
Date : 03 Dec 2023