Breaking News

Regoeng o kopa Bakwena go rapela

28 Nov 2023

Go nyelela ga batho mme e re morago ba bonwe  ba setse ba boailwe bosetlhogo go a tshwenya. 

 Bosheng kwa Molepolole go nyeletse batho ba le babedi ka go latelana kwa Molepolole mme yare go bonwa ba fitlhelwa ba tlhokafetse.

 Mopalamente wa Molepolole Borwa Rre Oabile Regoeng o kgadile se, a sa kgwe mathe kwa kerekeng ya Sedibeng Catholic Church ka Tshipi. Se se tla morago ga gore motse wa Molepolole o welwe ke seru se mokgweetsi wa koloi ya setshaba, Phenyo Jakoba, a  neng a nyelela mme morago ga fitlhelwa serepa sa gagwe se senyegile.

E ntse e le kwa Molepolole, Mme One Motlhabakgomo go bolelwa a ne a nyelela mme a felela a bonwe a tlhokafetse. Mopalamente o  kopile morafe go rapela kgatlhanong le ditiragalo tse di maswe tsa dipolao tsa batho.

“Bakwena a rotlhe re itshekatshekeng, a re ikgalemeng,” Regoeng a ikuela.

Le fa go ntse jalo, Rre Regoeng o kopile Bakwena gore ba seka ba fela pelo, a re dilalome di tshwanetse tsa tseelwa dikgato, ba gagamalediwa diphogwana.  

 Mopalamente o ne gape a kopa batsadi go tlhokomela bana ba a re bangwe ba inaakantse le go goga ditagi tse di bogale kwa pheleletsong ba inaakanye le masula. 

O kopile banana go kgaogana le ditagi mme ba obamele melao ya batsadi ba bone, a gakolola gore ngwana yo o sa utlweng molao wa motsadi o utlwa wa manong. Rre Regoeng o ne a leboga  dikereke go bo di tsisitse ledula mo lefatsheng leno, a re mafatshe a a ganneng tumelo a tlhasetswe ke dintwa. 

A re Modimo e le motlhami wa dilo tsotlhe, ka jalo dilo di thaelwa mo go one, mme a kopa phuthego go tswelela ba rapelela lefatshe. “Ga re kake ra tswelela kereke e seyo, ga re kake ra nna le ledula le le eletsegang, ”ga bua Rre Regoeng.

Mopalamente o gakolotse Bakwena go ikwadisetsa ditlhopho nako e go bulelwang gore ba tle ba tlhophe baemedi ba ba ba batlang le puso e ba e ratang. Modiri mo lephateng la Botsogo Dr Terence Muhuwa o gakolotse borre go itlhokomela mo go tsa botsogo. 

O boletse fa borre ba le maoto a tshupa go kopa dithuso tsa bongaka, mme ba sa tshele lebaka jaaka bo mme.

Dr Muhuwa o tlhalositse fa kgwedi ya Lwetse e tlhophilwe go nna ya botsogo jwa borre, ka jalo a ba kopa go itlhatlhobela malwetse a tshwana le kankere le madi a a kwa godimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebagano Ntshole

Location : MOLEPOLOLE

Event : Ko Palamenteng

Date : 28 Nov 2023