Kgosana ya tetlanyo e tlaa thongwa
28 Nov 2023
Batawana ba dumalane ka bongwefela jwa pelo gore kgosana ya Tsanakona, Kgosi Gadibintshe Saudu a tlhomiwe kgosana ya tetlanyo mo kgotleng kgolo ya Batawana..
Ba buile seo kwa phuthegong ya kgotla ee neng e biditswe ke Kgosi Tawana II bosheng.
Kgosi Tawana II o ne a rerisanya le morafe jaaka e le tshwanelo go ya ka Molao wa Bogosi (Bogosi Act) gore morafe o tshwanetse wa mo fa dikgakololo go tlhoma mongwe go thiba phatlha morago ga go tsholediwa maemo ga ga Kgosi Leretetse Mogalakwe go nna moemela kgosi.
Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba tswa ka leina la ga Kgosana Rabosigo Rabosigo ba re o sale a berekile mo kgotleng ka lobaka a thusa morafe ka lorato mme bontsi jwa supa fa tiro eo e batla motho yo o majato.
Moanamisa mafoko wa mophato wa ga Kgosi Tawana II, wa Matsaakgang, Rre Douglas Mokenane o ne a bolela fa ba sekasikile kgang eo mme ba bona fa Kgosana Saudu e le ene e mo tshwanetseng.
A re mo kanokong ya bone ba bone fa kgosana Saudu e le senatla e bile a ka romiwa ke kgosi kgolo mme a dire tiro ka botswapelo le ka nako.
Leloko la Matsaakgang, Rre Ogaufi Monametsi o ne a itiela kobo moroko a supa fa Kgosana Saudu e le motho yo o tlhaga a tlatsa ka gore seo se supagetse le mo tirong ya gagwe ya bogosi.
A re ke motho yo o ratang go dira ditiro tsa boithaopo le gone go reetsa morafe ka jaana a tlhaloganya gore kgosi thotobolo e olela matlakala otlhe.
Kgosi Cosmos Lelatlhego le ene o ne a atla mogopolo a re leina la ga Kgosana Saudu le maleba ka jaana e le motho yo o dinao dibofefo e bile a dira tiro ka bokgabane le lorato.
Fa a tsibogela kgakololo ya morafe, Kgosi Tawana o ne a a tlhalosa fa a setse tsamaiso ya morafe morago mme a ba solofetsa fa e tla a re morago a kopane le borangwaneagwe pele ba ka isa leina kwa go tona yoo o lebanenge go rurufatsa leina.
E ne e rile bosheng a rolela morafe gape fa tona a rurufaditse leina la ga kgaitsadie ebong Kgosi Kealetile Moremi go nna mothusi wa gagwe.
Kgosi Kealetile yo o neng ntse e le motshwarelela kgosi dingwaga tse di masome mabedi o boetse jalo mo ofising morago ga go tlogela tiro ka bogodi ga ga kgosi Pringle Dithapo ngogola ka Phatwe.
Kgosi Tawana o ne a tlhalosa gape fa Kgosi Oleyo Ledimo le ene a tlhatlhositswe maemo go nna moemela kgosi yo motona a kaba phatlha e e tlogetsweng ke Kgosi Charles Letsholathebe ka bogodi ka 2021. BOKHUTLO.
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Phuthego
Date : 28 Nov 2023