Thuto ga-e golelwe e butse bontsi matlho
27 Nov 2023
Lenaneo la thuto ga-e-golelwe le butse ba le bantsi matlho mo e bileng bangwe ba setse ba itse le gone go dirisa dibalamakgolo le go romela le go ba ya madi a bone mo mochineng wa banka le poso ba sa kope go thusiwa ke ope.
Thuto ga- e- golelwe e pakilwe ke batho ba le bantsi morago ga gore ba itse go bala le go kwala ba bo ba helela ba dirile dithuto tse dikgolwane, bangwe e setse ele dingaka, barutabana, bakenti le bagwebi ba batona.
Mo potsolotsong le mongwe wa bangwe baba simolotseng le lenaneo la thuto ga- e golelwe bosheng, Mme Sephimotswe Wantlo wa dingwaga tsedi masome a marataro le borataro (66) go tswa Maunatlala o boletse fa a alositse bana le bagodi ka go ba rotloetsa go bala le go kwala le go ba nonotsha go ribolola ditalente tsa bone tse di fitlhegileng.
Mme Wantlo o simolotse go ruta bagolo ka 1982 mme a tlogela ka 2018, morago ga go lemoga fa bontsi bo itse go bala le go kwala e bile ba setse ba gatetse pele mo kitsong ya maranyane.
O boletse fa ka nako ya bone go ne go le thata ba bereka ka boithaopo le fa puso e ne ya ba atswa ka lemmenyana. ‘Ka nako ya rona go ne go le bokete go ruta bagolo ka gore ba ne ba rata temo-thuo thata, ka nako e ntsi ba tlogela dithuto ba dira ditiro tsa selegae, bangwe ba ithutela go itse go kwala maina a bone ba bo ba tlogela sekole’’, ga bua Wantlo.
O tlhalositse fa go ruta mogolo go batla motho yo o pelotelele, a le boineelo ka e le batho ba ba nang le dikitso tsa bone tsa tlholego le melawana ya Setswana. Mme Wantlo o boletse fa ka nako tsa bone a ne a simolodisa ditlhopha tsa baithuti go dira ditiro tsa datla mme bangwe gompieno ba itshetsa ka tsone ka jaanong ba itsi le gore madi a balwa jang a thekiso. O ne a tlhalosa fa baithuti ba thuto ga-e-golelwe ba rutwa ditiro tsa diatla tse di farologaneng jaaka go loga, go betla, go bopa ntle le go bala le go kwala.
A re gompieno ditlhopha tseo di tsweletse pele thata go balelwa le sa Maunatlala Pottery Group, ee bopang dinkgwana le go dira madila le Yoghurt. O boletse fa bontsi ja bana le batsadi ba ko metseng ee kgakala le ditlamelo kgotsa metse ya tenyanateng ba sa kgatlhegele thuto ba bona gore go botoka ba ye go disa leruo.
O boletse fa nako e gorogile gore baithuti ba bo ba kgona go dirisa di dirisiwa tsa maranyane di tshwana le dikhomputara go akaretsa le mogala wa letheka. A re fa moithuti a itse go bala le go kwala go nna motlhofo gore a bo a ka dirisa maranyane a tshwana le Buka ya sefatlhego (Facebook) go bapatsa tse a setseng a di dirile lefatshe ka bophara mme se se dire gore tiro ya gagwe e kgone go bonwa le go bona bareki ka nako.
Mme Wantlo a re letsatsi la go bala le go kwala le dirisiwa go itshekatsheka le go tsosolosa maitlamo a bone a go bona go re setshaba se amogela thuto le go bona tse ba dikgonneng.
O rotloeditse bogogi jwa metse go rotloetsa morafe go tsenelela lenaneo la thuto ga-e-golelwe ka e setse e alositse beng ba dikgwebo ba matshelo a bone a tokafetseng fela thata.
Mme Kebawetse Mokgweetsi o ne a fa bopaki ka fa thuto ga-e-golelwe e mo thusitseng ka teng a tlhalosa fa a ne a ithuta ditiro tsa diatla jaaka go dira dinkgwana, madila le go roka. Mme Mokgweetsi o tlhalositse fa le ene a ne a nna moruti wa thuto ga e golelwe a ne a rotloetswa ke Mme Wantlo.
O tlhalositse fa gompieno a bopa dinkgwana tsedi rategang bobe ebile a sa kgone go kgotswafatsa mmaraka ka batho ba di batla thata go balelwa le ba mafatshe a sele.
Rre Kgopiso Kaisara o boletse fa a goletse ko morakeng ka bonnye ja gagwe a disa, rre rragwe a mmolela gore go bala le go kwala ke go itiela nako, kgomo ke yone boswa ja Motswana.
O tlhalositse fa a ithutile go bala le go kwala a le motona a bolela fa a ne a lapisiwa ke go tlhola a tsentse menwana mo inking a baya monwana le go dira sehapaano, mme a ithuta go kwala leina la gagwe go fitlhelela a itse go ipalela lefa jaanong matlho a setse a ngotlega mo ponong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : LERALA
Event : Thuto gae golelwe
Date : 27 Nov 2023