Breaking News

Ba kopiwa go sa tsholole dikgetsi

27 Nov 2023

Bomme ba gakolotswe go emisa go tsholola dikgetsi tsa kgokgontsho kwa makgotla tshekelong. 

 Se se builwe ke Kgosi Moitshepi Molelwa wa Gumare kwa tshimolodisong ya malatsi a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bong e e neng e rulagantswe ke ba makgotla a babereki mo Gumare ka matlhatso.

Kgosi Molelwa a re go tsholola dikgetsi go fokotsa maiteko a go emisa kgokgontsho. A re fa ba-dira-molato ba kgokgontsho ya bong ba bontsi eleng borre ba ka otlhaiwa ke makgotla tshekelo go ka thusa go fokotsa dikgetsi tsa kgokgontsho. 

Kgosi Molelwa o supile fa go swabisa go bo lefatshe la Botswana le na le dikgetsi tse dintsi tsa kgokgontsho ya bong le ntswa dipalo tsa setshaba sa Botswana di le kwa tlase ga mafatshe a mantsi.

Ka jalo o ne a kgothatsa gore dipuisano kgatlhanong le kgokgontsho ya bong e nne selo sa nako tsotlhe eseng fela ka malatsi a a haphegileng. 

Fa Mmaboipelego kwa khanseleng ya Tsabong Mme Kesaobaka Mathiba yo e neng e le sebui sa tlotla, a supile fa go lwantsha kgokgontsho ya bong go tlhoka tshwaragano.

Mme Mathiba o tlhalositse fa kgokgontsho e baka kutlobothoko, poifo mo ba-tswa-setlhabelong e bile bangwe ba latlhegelwa ke botshelo ka ntlha ya dipolaano. 

O ne a gwetha bomme ba ba tseneng  bokopano go ema nokeng baba amilweng ke kgokgontsho go na le go ba ja setshego.

Le fa gontse jalo Mme Mathiba o ne a gakolola ba tswa setlhabelo go kopa bogakolodi mo go ba boipelego, bagakolodi ba ba ikemetseng le ba sepodisi.

O ne a re kgokgontsho e ama tlhaloganyo le maikutlo ka jalo ba tswa setlhabelo ba tshabelelwa ke go ikgogela morago mo dilong tse ba di ratang mme morago ba tlelwe ke dikakanyo tsa go ikgapela botshelo. Sub Inspector Morgan Kandjou go tswa ofsing ya bong le tshireletso ya bana kwa sepodising sa Gumare, o ne a re dikgetsi tsa kgokgontsho ya bong ya bomme le bana di dintsi mokgaolwaneng eo.

Sub Inspector Kandjou o tlhalositse fa dikgetsi tse dintsi tsa kgokgontsho e le tse di amang tlhakanelo dikobo bogolo jang mo baneng ba basetsana. O ne a re go tswa tshimologong ya ngwaga ono go fitlha mo kgweding eno ya Ngwanatsele ba gatisitse dikgetsi di le lesome le boferabongwe (19) tsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba dingwaga tse kwa tlase ga lesome le boferabobedi. A re ba gatisetse dikgetsi tsa thubetso dile lesome le boferabobedi (18), ya polao ele nngwe, tsa kiteo e kgolwane di le lesome le bongwe(11), tsa kiteo e potlana di le thataro le melato ya go gobatsa e le meraro.

Moemedi wa mekgatho eo ya babereki ya National Amalgamated and Central Government, Parastatal Workers Union go tswa Gaborone Mme Neo Joel o ne a tlhalosa fa ba rulagantse letsatsi leo go buisana le bomme fela ba mokgatho oo gore ba ikgakologelwe jaaka e le bomme ka go bo kgokgontsho ya bong e ama bone thata le bana ba basetsana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : GUMARE

Event : Phuthego

Date : 27 Nov 2023