Kereke ya Sabata e bolotsa ntwa kgatlhanong le HIVAIDS
26 Nov 2023
Kereke ya Seventh Day Adventist e boloditse ntwa kgatlhanong le mogare wa HIV/AIDS le malwetsi a a sa tshelanweng go boloka matshelo.
Fa a buisa maloko a kereke ka Matlhatso mo Tsabong, mogolwane wa kereke eo, Mme Kenewe Tuelo a re ba bone go tshwanela gore ba seegele letsatsi le lengwe fa thoko go tshwara letsatsi la segopotso sa HIV/AIDS go gakologelwa ba ba latlhegetsweng ke matshelo, go rutana ka mogare, le go itlhatlhobela mogare le malwetsi a a sa tshelanweng.
Mme Tuelo a re letsatsi la segopotso monongwaga le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng: A re letle setshaba go etelela pele mo ntweng kgatlhanong le mogare wa HIV e se re gongwe ra lebala kwa re tswang teng.
A re ke ka moo ba neng ba tsaya kgato, a supa jalo gore go botlhokwa go ikgakologelwa go bona gore ba dirile go le kae go tsaya karolo go lwa ntwa kgatlhanong le bolwetswe jwa HIV/AIDS.
O tlhalositse fa ba tshwenngwa ke gore dipatlisiso di supa fa go santse go gatisiwa dipalo tse disha tsa batho ba ba tshwarwang ka mogare wa HIV ka jalo go le botlhokwa go tsaya karolo.
Mogokaganya ditirelo tsa HIV/AIDS mo kgaolong ya Tsabong Mme Cathrine Molomo a re go botlhokwa gore setshaba se tseye boikarabelo se etelele pele ntwa kgatlhanong le mogare.
O supile fa gole botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe a tseye boikarabelo go lwantsha mogare wa HIV.
O lebogetse kereke ya Sabata go tsaya kgato go etelela pele ntwa kgatlhong le boletswe jwa AIDS jo bo tlogetseng malwapa a le mantsi ka bohutsana.
O ne a supa gape fa puso e dirisa madi a mantsi go reka diritibatsi, are madi ao a kabo a dirisiwa mo ditirong tse dingwe tsa ditlhabololo.
Mme Molomo o ne a rotloetsa batsadi go phuthologa go buisanya le bana ba bone ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo ka maikaelelo a go ba rotloetsa go ikgapha mo go tsa tlhakanelo dikobo.
A re o tshwentswe ke dipalo tse di kwa godimo tse di tsamayang kwa go 3 700 tsa batho ba ba tsayang diritibatsi mo kgaolong eo. Palo eo, go ya ka Mme Molomo e kwa godimo fa go lebelelwa dipalo tsa batho mo kgaolong eo.
O ne a supa jalo dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba ba dirisiwang botlhaswa mo tlhakanelong dikobo le tsa boimana jwa banana tse di golelang pele mo kgaolong eo mme bangwe mo go bone ba fitlhelwa ba na le mogare.
Kereke eo e ne e laleditse makalana otlhe a a itebagantseng le go lwantsha mogare a akaretsa BOCAIP, BONEPWA, ba botsogo le ba Lekgotla la borre ba ba neng ba tsisitse ditirelo mo letsatsing leo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : Bokopano
Date : 26 Nov 2023