Breaking News

Banni ba Tloaneng ba sebete se molangwana ka peo ya kgosi

26 Nov 2023

Banni ba Tloaneng ba sebete se molangwana ka fa ditsamaiso tsa peo ya magosi e tsamayang ka teng mo motseng wa bone.

Ba supile seo mo phuthegong ya kgotla ka Labone morago ga gore Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Sethabelo Modukanele a ba rolele fa Kgosi Joseph Kagiso, e tlaa nna ene yo o tlaa tsayang bogosi jwa motse oo, morago ga gore rraagwe, ebong Kgosi Khuduga Kagiso, a ithole marapo morago ga go busa dingwaga di le masome a mararo.

Fa a tswa la gagwe mongwe wa banni, Rre Declerk Dikole, a re moseka phofu wa gaabo ga a swe lentswe. 

A re ba sale ba supile fa ba sa dumalane le ka fa ditsamaiso tsa bogosi jwa motse wa bone di tsamayang ka teng.  

A re ba buisiwa se ke gore dilo dingwe ga di a tsamaya sentle go tsweng kwa tshimologong fa Kgosi Khuduga a bewa mo setilong.  

“Ke a ngongorega ka gore dipuisanyo tsa morero ga di a tsamaya sentle; ga re ise re bitswe go tla go utlwa maikutlo a rona,” ga tlhalosa jalo Rre Dikole.

Morafe o tsweletse o ngongorega ka fa ditsamaiso di dirilweng ka teng mo peong ya ga Kgosi Joseph mme e bile ba supa fa mosepele o tlaa nna moleele ka jaanong le bone ba tlaa tsaya dikgatlo go ya go ikuela kwa lekgotleng la ditsheko, ka gobo ba sa itumelela ka fa morero o tsamileng ka teng.

Rre Daniel Letlole a re molao motheo wa bogosi o supa gore fa mongwe a tlogela bogosi ka bogodi morafe o tshwanetse wa nna le thulaganyo wa rerisiwa go lebeletswe tsamaiso ya motse oo.

E ne e rile gole pele, Kgosi Solofelang Thobega wa Mmankgodi a supa fa tsholofelo ya gagwe e le gore jaaka tona a tsile o ba tshwaretse dikarabo tsa dipotso tse di ntseng di ba tshwentse.

A supa fa dikgang tsa bogosi jwa motse wa Tloaneng di gogile ka lebaka gore di bone tlharabololo mme ka jalo nako e tsile ya  go busetsa kagiso le thitibalo mo motseng.

E ntse ele kwa phuthegong eo, Rre Modukanele a re le ntswa go tsere lebaka go thiba phatlha ya bogosi jwa Tloaneng, motse o ntse o sa latlhelelwa ka o ntse o eteletswe pele ke motshwarelela bogosi, Rre Tlhokwe Setlhare, fa e sale Kgosi Khuduga a tlogela tiro ka ngwaga wa 2020.

Rre Modukanele a re go bewa ga ga Kgosi Joseph go tla morago ga pitso ya lekgotla ke tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae go thusa go tlhotlha le go tlhotlhomisa gore ke mang yo o nang le tshwanelo ya go bewa kgosi. 

O tlhomamisitse gore ditsetlana tsotlhe di setswe morago go fitlhela go tsewa tshwetso ya gore go bewe ngwana wa boraro wa ga Kgosi Khuduga. “Tsholofelo ya rona re le puso ke gore le le morafe wa Tloaneng se se tsise ledula le kagiso mo motseng wa lona,” Rre Modukanele a kopa jalo. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : Tloaneng

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 26 Nov 2023