Breaking News

Maloko a kabo ditsha a kopiwa go nna boikanyego

26 Nov 2023

Maloko a lekgotla la kabo ditsha la Tati a gwetlhilwe go nna boikanyego ka dinako tsotlhe fa ba diragatsa boikarabelo jwa bone, ka dikgang tsa lefatshe di le masisi.

Ba tlhagisitswe kgatlhanong le go dira dilo ka tshokamo, go amogela pipa molomo le go sa tseye letlhakore fa ba dira tiro ya bone.

Tlhagiso eo, e dirilwe ke dibui ka go farologana jaaka ba ne ba baya maloko ao mo dinakong tebang le boikarabelo jwa bone, kwa Masunga bosheng.

Ithutuntsho e, e tla jaana morago ga go tlhomiwa ga bone mo ofising kgwedi eno e le malatsi marataro, ka jalo go le matshwanedi gore ba tsibosiwe ka tse di solofetsweng mo go bone mo dingwaga tse tharo tse ba tlaa bo ba le mo ofising.

Mongwe wa dibui, modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba gape e le mokhanselara wa kgaolwana ya Themashanga, Rre Kudzani Tobokwani a re tsholofelo ke gore  maloko sale morago tsamaiso le melawana ya kabo ditsha ya lefatshe.

A re ba  ikgaphe mo tshenyetsong setshaba, a supa fa e le yone mmaba o mogolo o o ka bakang gore ba dire dilo ka tshokamo.

Mokhanselara Tobokwani a re se segolo se se solofetsweng mo go bone ke go tsibogela go thusa batho ka nako, a re go ka nna thona gore e re batho ba tswa kwa mafelong a a kgakajana le Masunga, ba ile go kopa thuso kwa lekgotleng leo, ba bo ba tswa fela ba sa bona thuso epe.

A re ka jaana go na le dikgwedi di ka nna pedi go ise go tlhomiwe maloko, go botlhokwa gore maloko a masha a tsholetse dinao go leka go kgarametsa melatsa e e ka tswang e nnile teng.

Rre Tobokwani o ba gakolotse go itepatepanya le dikgwetlho dingwe tse ba tlaa kopanang natso, tse di amanang le tsa kabo ya lefatshe, a fa sekai ka tlhaelo ya lefatshe e e tswang goo Lowe e apere kgaolo ya Bokone Botlhaba.

Ka moo, a re ba leke bojotlhe go itepatepanya le bonyenyane jo bo leng teng ka fa tshwanelong, a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba dire ka botswapelo, kelelelo le go ema puso nokeng ka go rotloetsa mananeo a yone, segolo jang a a itebagantseng le tiriso ya lefatshe.

Modulasetilo o ba kopile go fetola ka fa go ntseng go dirwa dilo ka teng, a re go ka ba thusa go ntsha maduo a a solofetsweng le go tila dingongorego dingwe.

Mo go la gagwe, Kgosi ya Mosojane, Kgosi Sibangani Mosojane, yo gape e leng moemedi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba kwa Ntlong ya dikgosi, o kopile bodiredi le maloko a lekgotla la kabo ditsha la Tati go dira gotlhe go leka go tswala dingongorego tse gantsi di ntshiwang ke banni ba kgaolo.

Kgosi o supile fa banni ba lela ka tiego ya go abiwa ga ditsha le go timela ga difomo tsa baikopedi kwa lekgotleng leo, mo baikopedi ba felelang ba tlamega go tsisa selo se le sengwe gangwe le gape.

Jaaka dibui tse dingwe, kgosi o ne a ba kopa go lebelela dintlha dingwe le go kwatabolotsa tse di ka thusang go fokotsa dingongorego tsa setshaba, a bo a supa thobaelo tebang le dikgang tsa go lwelwa ga melelwane, tse a tlhalositseng di farafarile metse mengwe ya kgaolo eo.

Kgosi Mosojane o supile botlhokwa jwa gore ba lekgotla la kabo ditsha ba nne ba kopana le magosi go lekodisanya ka tse di amanang le kabo ya lefatshe.

Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Tati Rre Fidelis Machola le mokwaledi wa lekgotla leo, Mme Neo Mothobi ba ne ba solofetsa fa ba tlaa dira gotlhe mo ba ka go kgonang go leka go kgotsofatsa badirisi ba ditirelo tsa bone.

Fa a lebisa mafoko kwa malokong le bodiredi jwa lekgotla leo, Mme Mothobi o ba kopile go thusa setshaba ka mo go faphegileng, a re ba diragatse maitlamo le maikaelelo a lephata la bone.

A re ba tlhome kwa pele setshaba se se tlhokang thuso, mme e bile ba se thusa ka botho, tlotlo, lerato le go nna mo bogareng ka dinako tsotlhe.   

Go sale foo, maloko a lekgotla la kabo ditsha la Tati ba ne ba tlhopha Mme Boikhutso Masunga go nna mothusa modulasetilo wa lekgotla leo, a tlhophiwa jalo ntle le moganetsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Bokopano

Date : 26 Nov 2023