Breaking News

Lenaneo la merogo le tswa tema

26 Nov 2023

Puso e tsweletse ka go tswa ka mananeo a a ka thusang balemi go ntsha thobo e e botoka.

Keletso ke go bona mohama wa temo o gola ka go fetlha mebereko le go ntsha dijo tse di lekaneng lefatshe le go ka rekisa kwa ntle ga Botswana.  

Lengwe la mananeo a, ke la temo ya merogo la Horticulture Impact Accelerator Subsidy le le thusang balemi go gokela didiba le go reka didirisiwa tsa temo ya nosetso ka phokoletso, go thusa balemi go oketsa thobo.

Mo godimo ga moo, puso e tshepa gore lenaneo le, le  ka thusa gore balemi ba ka ntsha merogo e e lekaneng go jewa mo gae le go ka rekisiwa kwa ntle ga lefatshe.

Mongwe wa ba ba dirisetseng  lenaneo le, ke Rre Maitshoko Tsenang, go tswa kwa Gojwane.  Rre Tsenang, yo e leng mongwe wa balemi ba ba santseng ba fatlhoga o thusitswe ka P45 000 ngwaga ono. 

O tlhalositse fa a ne a tsena mo temong  ya nosetso, morago ga go lemoga fa  temo ya komelelo e sa ikanyege ka dipaka di fetogile.

Rre Tsenang o tlhalositse fa a ne a thusiwa ke balemi ka ene ba Gojwane le molemisi wa bone, o ne a kgona go tlhatlhoba mmu le go phunya sediba mme morago a ikopela madi a thusang balemi go gokela sediba le go reka dipeo le menontshane.

Ka thuso ya lephata la temo o ne a gokela sediba, go reka mathombo a nosetsang, dipeo le menontshane.

 A re o  solofetse go bona thobo ya ditamati, dianyanse, khabeche, magapu le merogo e mengwe mo nakong e khutshwane.

Rre Tsenang a re o setse a kgonne go oba letsogo ka a setse a rekisitse nngwe ya thobo mme a itemogetse pharologanyo e ntsi, magareng ga temo ya nosetso le ya komelelo.

O tlhalositse  fa a solofela fa mmaraka o tlaa gola a ntse a tsweletse ka mo nakong ya gompieno a rekisetsa batho le marekisetso a dijo  kwa Gojwane. 

Rre Tsenang yo a berekang e le modisa dikago, a re o na le dikakanyo tsa go tlogela tiro gore a  itebaganye le temo ka e bonala e ka tswa maduo aa nametsang.  

Le fa go ntse jalo o ne a tlhalosa fa temo e tlhoka nako, lerato le bopelotelele ka e na le dikgwetlho tse di tlhokang gore motho a bo a nne a  tsentse leitlho.

A re go botlhokwa gore balemi ba tshwaragane gore ba kgone go bua ka lentswe le le lengwefela ka se se ka ba thusa le go rekisa mauno a   bone ka ditlhwatlhwa tse di botoka, a tlatsa ka gore o kgonne go fetola temo ya gagwe ka go tshwaragana le balemi ka ene kwa Gojwane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : GOJWANE

Event : POTSOLOTSO

Date : 26 Nov 2023